Breaking News

Bakgatla ba rotloeditswe go tswelela ka go tshegetsa ngwao

08 Sep 2015

Bakgatla- ba- ga- Mmanaana ba sa tswa go tshwara moletlo wa dikgafela bosheng kwa kgotleng kgolo ya Moshupa.

Moletlo o, o o neng o tshologetswe ke batho ka go farologana, dikgosi, matona a puso, Bakgatla go tswa Disaneng kwa Afrika Borwa ga mmogo le ba bangwe go tswa kwa Lesotho, o simolotse ka go goroga ga bojalwa go tswa mo makgotlaneng ka go farologana.

E rile a bula moletlo oo semmuso, sebui  segolo sa letsatsi Rre Meshack Tshekedi go tswa kwa Botswana Investment and Trade Centre,  a akgolela Ba-ga-Mmanaana go bo ba tsweletse ka go tshegetsa ngwao ka go dira moletlo oo.

A re go dira jalo ke sesupo sa gore morafe o gatetse pele ka go ikgakologelwa le go tlotla ngwao e bile a re ke go supa gore ba dirisana sentle le kgosi ya bone. O tlhalositse gore boikarabelo jwa bone ke go tsamaya ba rotloetsa Batswana go ikgakologelwa ba tsosolosa ngwao. 

A ba a leboga Kgosi Oscar Mosielele go bo a rotloetsa morafe wa gagwe go dira moletlo oo, a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba ba ema nokeng.

Rre Tshekedi o ne a ntsha cheke ya P10 000 a e neela Kgosi Mosielele go ba rotloetsa mo maitekong a bone.A re o tlhaloganya gore ga se tiro e e motlhofo. Kgosi  Mosielele ene o ne a tlhalosa fa moletlo oo wa dikgafela o direlwa go lebogela temo e e fetileng le go baakanyetsa e e tlang.

A re ba na le ditso le Bahurutshe boo Manyana. 

A re o tlaa bitsa morafe  wa gagwe  go  ipelela ditso  tsa Bahurutshe  gaufi le legaga la ga Mma Sechele. A re Bahurutshe ba innile le seabe se segolo mo ntweng ya Dimawe e e neng e thulantse basweu le merafe ya Batswana. A re legaga leo le na le ditso tse di nonofileng ka le ile la fitlha bahumagadi ba bararo ka nako ya ntwa. 

O ne gape a lebogela madi ao, a re a a ba kgothatsa, a ba a leboga baeng ba ba sa iponang tsapa go tla go ba thela malepe.

E re ka moletlo wa Dikgafela o ikaegile ka temo segolo jang ya komelelo, Rre John Stegling go tswa kwa Lephateng la Tepo Loapi o tlhalositse fa pula mo kgaolong ya Borwa e le boutsana go simolola ka ngwaga wa 1992. A re phetogo ya loapi e ama mongwe le mongwe ka jalo a ba kopa go fetola ka fa ba lemang ka teng gore ba kgone go dira dipoelo.

Mookamela ditirelo tsa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Borwa Rre Gwilizani Maposa ene o rotloeditse batsena- moletlo go dirisa dipeo tse di bogadi bo gaufi le go dira temo ya tshomarelo. Gape o ba rotloeditse gore ba seka ba ipona tsapa go lema ka paka ya  mariga. 

A re e bile fa ba lemile mo pakeng ya mariga ba ka bona dikatso tsa selekanyo sa  P500  tema nngwe le nngwe. Moletlo o, o ne wa natefisiwa ka mmino wa dikhwaere, mmino wa setso ga mmogo le poko ka go farologana  go jewa dijo tsa setso jaaka kabu, dithotse le tse dingwe go supa ngwao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Moshupa

Event : Dikgafela

Date : 08 Sep 2015