Bomme ba gatetse pele
08 Sep 2015
E re ka puso e dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme Mmapula Ramosoka le Setlogetswe Moatshe ba bone go tshwanela go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. Bomme ba, ga ba a ipona tsapa go tokafatsa matshelo a bone ka jaana ba ne ba tswa ka megopolo e ka yone ba ka inamolang lehuma.
Bobedi jo bo tlholega mo kgotlaneng ya Moatshe kwa Lerala. Ba re ga ba eletse go ipona e le bakopi .
E ne ya re fa ba bona ba aperwe ke lehuma, ba nna le megopolo ya go simolola kgwebo e e bogadi bo gaufi, ba bo ba bona go le botoka go dira sengwe se se ka sekeng se ba lope madi ape gore ba se simolole. Ba dira ditlatla le difala e bile gape ba dira le dilo tse dintsi jaaka go roka ditlhako tsa dipolaseteke le go loga mebese.
E ne ya re mo potsolotsong bosheng ba tlhalosa fa ditlatla di dirwa ka setlhare sa motsotsojane le lelodi la mophane mme difala tsone di dirwa ka boloko le molora wa leiso.
Ba tlhalositse gape fa mo dinakong tsa bogologolo setlatla se ne se dirisiwa e le setswalo sa matlo mme e bile gape go ne go sena motho yo o ka se bulang fa go tswetswe ka sone. Sefala sone se tsenya dipeo gore di seka tsa jewa ke tshupa kana tsa senyega ka bofefo.
Ka jalo dilo tse tsotlhe tse ba di dirisang ga ba di reke, ba di tsaya mahala mme se se bo se ba rotloetsa go dira ka natla le go feta.
Mme Ramosoka le Mme Moatshe ba re ba setse ngwao morago, ka jalo ba dira ditlatla le difala go tla ba di supegetsa dikokomane tse di tlang kwa morago ka go lebega ngwao e ntse e phirimelelwa ka bonya ka bonya. Bomme ba ba simolotse kgwebo e ya bone ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole, ba direla mo lapeng mme e bile ba iteile leina ba re Boiteko.
Ba re leina la Boiteko le ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka mogologolo a rile ‘maano a botshelo ga a site go sita a leso’.
E ne ya re fa ba utlwa mokgosi wa Sherwood Market Day ba rwala ditlhako ba ya teng go leka go supa bontle jo ba bo dirang.
Ba tlhalositse fa batho mo motseng ba na le kgatlhego mo go se ba se dirang mme ba re barotloetsi ba bone ba popota ke batho basweu ka jaana ba ne ba reka difala le ditlatla ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo gone kwa Sherwood Market Day. Bomme ba ba re ga ba ise ba nne le mathata ape mo tsamaong ya nako ka jaana ba na le merero, bopelotelele le kutlwano mo go se ba se dirang mme e bile gape ba eteleditse Modimo pele mo go tsotlhe tse ba di dirang.
Ba re ba dumela gore ga ba na go letlelela dikgwetlho dipe go ba ema tseleng ka maikaelelo a bone ke go bona matshelo a bone a tokafetse.
Ba tlhalositse fa madi a ba a boneng a tlaa ba thusa go ora molelo wa mariga bone le ba gaabo ka jaana ba dumela gore le bone ga ba na go tlhoka le yone melora tota.
Ba re ba na le ditoro tse ba dumelang gore e tlaa re lengwe la malatsi botshelo jwa bone bo fetoge mme ba tshwane le bana ba malwapa a mangwe. Bomme ba ba rotloetsa botlhe go iteka, go itsosa le go itirela ka natla go tokafatsa seemo sa matshelo a bone.
Mme Ramosoka o gakolotse bomme gore ba lese go robala ka ditlhaloganyo le matsogo ka jaana madi a ka dirwa ka ditsela tsotlhe go leka go itshetsa.
A re o dumela gore lehuma ga le na go tshamekela mo go ene mme e bile o supile fa rotlhe re tshwanetse ra tsaya boikarabelo jo bo feletseng jwa go leka go thusa puso go lwantsha lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Potsolotso
Date : 08 Sep 2015






