Breaking News

Oageng o tlotlomatsa Botswana

08 Sep 2015

Go ne go le boitumelo jo bogolo thata kwa sekoleng se sebotlana sa Nhake fa mongwe wa ba-na-le bogole go tswa mo sekoleng seo a ne a amogelwa semmuso morago ga go dira bontle mo dikgaisanong tsa mafatshefatshe kwa Amerika.

Sebui sa tlotla kwa moletlong oo, Rre Edwin Lorekang, mogolwane go tswa mo lephateng la thuto mo Kgalagadi o ne a galaletsa Oageng Tumaeletse ka go gapa maemo a boraro mo lebelong la 800m. A re Oageng o tlotlomaditse kgaolo ya Kgalagadi Borwa le gone go isa serodumo sa lefatshe leno kwa godimo.

Rre Lorekang o ne a supa fa puso e tseela kwa godimo thata  ditshwanelo tsa ba-na-le bogole le go di diragatsa di akaretsa tsa thuto, botsogo, tlhokomelo ya bone e e faphegileng le tse dingwe le gone go simolodisa mananeo a le bone ba ka kgonang go itshetsa ka one mo isagong.

O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tshelang le bogole, batsayakarolo botlhe le setshaba ka kakaretso  go ba ema nokeng  le go ba rotloetsa  ka dinako tsotlhe.

Morutabana wa ga Oageng, Rre Isiah Tika, o ne a tlhalosa fa go na le baithuti ba ba nang le bogole ba ba lwalang tlhaloganyo  mo sekoleng seo ba le masome a mabedi le bosupa ba ba rutwang dithuto jaaka go taka,  tsa diatla di akaretsa tsa temo- thuo metshameko ya mabelo  bogolo jang e a supileng fa e le yone e ba e kgatlhegelang thata.

Rre Tika o supile fa Rre Tumaeletse yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe  a ne a simolola go itshupa fa a na le bokgoni jwa go siana mme a feta ka tse di tsididi mo dikgaisanong tsa dikgaolo le tsa makgaolakgang  go fitlhelela a ya kwa go tsa mafatshefatshe kwa Amerika  tse le tsone a dirileng sentle .

Dingwe tsa dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone  Rre Tika o ne a kaya fa e le tlhaelo ya barutabana le   matlo a borutelo, lefa go ntse jalo o ne a galaletsa khansele ya Kgalagadi go bo ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang mo go tlhomamiseng gore ba thusa baithuti bao ka koloi e e ba isang sekoleng paka ya sekole le dijo ka batsadi ba bone  bangwe  e le batlhoki.

O ne a tlatsa ka go supa fa e le barutabana ba bana bao ba itumedisiwa ke tshwaragano ya batsadi ba bana bao ka seo se dira gore tiro ya bone e nne motlhofo bogolo jang ka bana bao e le ba-na-le-bogole jwa tlhaloganyo mme ba tlhokana le tlhokomelo e e faphegileng.

Rre Manfred Kono moeteledipele go tswa mo khanseleng ya Kgalagadi mo ofising ya ba- na –le  bogole   ene o ne a kopa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le go nna le boikarabelo go tlhomamisa gore bana bao ba godisiwa sentle gore ba tle ba kgone go nna  le bokamoso jo bontle. 

Go le pele fa a amogela baeng mothusa mogokgo go tswa kwa sekoleng sa Nhake Mme Nnunu Lorekang o ne a galaletsa thata ngwana yoo, a kaya fa a tsholeleditse leina la sekole seo kwa godimo.

Mme Lorekang  o ne  a kopa gore batsadi, ba- na - le ba tshwaragane  go nna seopo sengwe  ka go  fa  bana bao  lorato ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa thata  mo go ba ageng,le go ba  bopa go nna ba ba eletsegang mo setshabeng le gone    go nna le katlhego ya  botshelo mo isagong. 

Mo mafokong a gagwe a kgothatso modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Thapelo Bailelwang o ne a  supa fa go tlhoka mochine o o ntsifatsang dipampiri go na le seabe mo go digeleng maduo a sekole seo kwa tlase.

A re lobala lwa motshameko le lone e ka nna  sekgoreletsi ka go paledisa bana ba sekole seo  go ntsha bokgoni jwa bone mme a kopa batsadi go tshwaragana ba tlhagola sekole le gone go kopa ba khansele go ba thusa ka mochine oo gopang lobala.

Fa a araba dilelo tsa bone mokhanselara wa Tsabong botlhaba  Rre Nelson Motsewapuo o ne a ba solofetsa fa ba tlaa  thusiwa fa  go kgonagalang teng ka dingwe tsa teng a setse a di utlwile mme a ba kopa go mo fa nako go ya go buisana le ba khansele  pele.

Moithuti yoo Rre Oageng Tumaeletse o ne a abelwa dimpho ke barutabana, baithuti ka ene, ba komiti ya PTA le batsadi ba gagwe e le tsela nngwe ya go mo rotloetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Moletlo

Date : 08 Sep 2015