Thapelo ke yone tsela
07 Sep 2015
Setshaba se gwetlhilwe go inaakanya le lefoko la Modimo nako tsotlhe le go rapela.
E rile a bua kwa tshimolodisong ya go rapelela HIV/AIDS bosheng kwa Mochudi, Kgosi Segale Linchwe a supa fa nako e tsile ya gore setshaba se eme ka dinao go rapela a tlhalosa fa Modimo e le ene fela a ka fedisang bolwetse jo le mathata a mangwe a a apesitseng lefatshe leno.
A re Modimo fela ka nosi ke ene a ka emisang dipheretlhego tsotlhe, a tlatsa ka gore ga gona se se ka tlholwang se dirwa mme a kgothatsa morafe go netefetsa gore dinako tsotlhe ba a rapela.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Moilwa Matseola wa St Paul o ne a tlhalosa fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo. A re motho o tshwanetse go tlotla le go tlhompha mmele wa gagwe a tlhalosa fa o tlhodilwe ke Modimo a supa fa le Baebele e gatelela kgang eo mo lekwalong la Bakorinta.
O ne a kopa gore batho ba emise go leswafatsa mebele ya bone mme ba dire se se tshwanetseng dinako tsotlhe.
E ne ya re a fa tekodiso ka seemo sa mogare mo kgaolong, mogokaganyi yo o itebagantseng le bolwetse joo Mme Bosa Lebotse a supa fa batho ba le 6 181 ba le mo lenaneong la diritibatsi fa ba le 286 ba tlogetse diritibatsi mme go tlhokafetse batho ba le lesome le botlhano ka ntlha ya bolwetse jo.
O tlhalositse fa ba lemogile fa mogare o gakatswa ke mekgwa mengwe e batho ba e dirang go bo anamisa a supa fa mengwe mekgwa eo ke go nna le bakapelo ba feta bongwe nako e le nngwe.
A re mo gongwe ke nnotagi a tlhalosa fa batho fa ba nole phetelela ba felela ba tlhakanetse dikobo ba sa itshireletsa.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la Men Sector mo Kgatleng Rre Mmabaledi Dipheng o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi le e le go simolodisa thapelo go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS.
A re mmuso wa lefatshe leno o bone go le maleba gore kgwedi ya Lwetse e nne yone nako e dikereke ka go farologana lefatshe leno ka bophara di kopanang go rapela. A re se se dirilwe e le maikaelelo a go supa gore kereke e botlhokwa mo go lwantsheng segajaja.
Kwa bofelong fa a fa malebo Kgosi Mothibe Linchwe o ne a leboga baruti ba dikereke ka go farologana go bo ba bone go tshwanela go tla go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS. A re nako e tsile ya gore batho ba itshekatsheke gore ba tswa kae e bile ba ya kae ka matshelo a bone.
A re keletso ya gagwe ke go bona badumedi ba itumetse dinako tsotlhe go supa gore ke bana ba Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo
Date : 07 Sep 2015






