Breaking News

Dipholeche di tsholetsa Dikatlholo

07 Sep 2015

Mme Sarah Dikatlholo wa Letlhakane o dira dipholeche tsa bodilo jwa matlo a semente le a bodilo jwa letsopa.

Mme Dikatlholo a re o sela dipolaseteke a di apaya mme morago a tsenye dikerese le parafini fa motswako o o sena go tsidifala gape o ntse motogo mme a o sefe. Morago o tsenya metswako ya mebala e e farologanyeng e bile e le dinkgisa monate.

A re o eme ka lekwalo la bosupa morago ga gore a foufale mme morago ga go fola a tsena mo thekisong ya ditamati. O supile fa bareki ba gagwe ba ditamati e le bone ba gwetlhileng gore a simolole go dira dipholeche ka a re ba ne ba nna ba mo galeletsa ba bona bodilo jwa ntlo ya  gagwe bo phatsima ka dinako tsotlhe.

A re o simolotse ka ngwaga wa 2014 mme fa ngwaga o ya fifing a tlhaselwa ke magodu mme kgwebo ya boela morago go se go nene.

Mme Dikatlholo a re o apaya dipholeche ka emere ya 25litres mme a kale ka dithini tsa 500ml tse a tlhalositseng fa a di sela mme a di rethefatse go di bolaya bogale mo melongwaneng. O boletse fa dipholeche tsa gagwe e le tsa seemo se se kgatlhisang e bile di nkga monate. “Tse ga di pakolwe ke letsatsi,di nna di phatsima fela.”

O rotloeditse batho segolo jang bomme go tla kwa go ene gore a ba amuse talente ya gagwe gore e re fa a iketse badimong ba sale ba tsweledisa fa a emeng teng le go mo gakologelwa. A re bareki ba gagwe ke banni ba motse wa Letlhakane le ba ba nang le dikgwebo ba a tlhalositseng fa a ba fokoletsa tlhwatlhwa fa ba reka ka bontsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tachila Kayawe

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2015