Breaking News

Mabogo dinku a a thebana

07 Sep 2015

Mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Goitsemang Morekisi, a re nako e fitlhile ya gore Batswana ba tsosolose mowa wa bo ja mmogo. Mme Morekisi o buile sebosheng fa lephata la gagwe le ne le abela Rre Quararea Xao ntlo kwa  D'Kar mo kgaolong ya Ghanzi. 

A re Batswana ke batho ba le bogologolo ba neng ba kgona go thusana, mme a re ba tshwanetse ba tsosolosa serodumo seo mme ba diragatse matshego a Tebelopele ya 2016.

Ntlo e ne e agiwa ke lekalana la tsa dipalamo tsa puso  mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, ka thuso ya makalana a mangwe mo lephateng ka kakaretso.

Mme Morekisi o ne a ba galaleletsa tiro e ba e dirileng ka jaana ba file boora Xao seriti.  Mme Morekisi a re puso e dumela mo go tokafatseng matshelo a Batswana ka go thusa ba ba sa kgoneng le go ba fa mananeo a go ka itshetsa go ka fetola le go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo.

A re go  nametsa pelo go bona ba-na-le-seabe go tswa mo pusong, mo go ba ba ikemetseng ka nosi le setshaba sotlhe go bo ba eme ka dinao go thusa segolo bogolo go agela ba ba tlhokang. 

E re go ntse jalo, Rre Augus Malefo, mogolwane kwa lekalaneng la tsa dipalamo tsa puso, o tlhalositse ka fa go tsamaileng ka teng go fitlha gore ba abele boora Xao ntlo. 

Rre Malefo a re e ne ya re ngogola ka 2014 ba feta ka kgaolo ya Ghanzi ba le mo  loetong go tswa Mohembo kwa ba neng ba ile go abela lelwapa lengwe dimpho. Ba ne ba kopana le seemo sa goora Xao e se se se itumedisang gotlhelele ka jalo ba tsiboga.

Rre Malefo a re ba ne ba simolola ka go aba mophuthelo wa matsatsi a botsalo jwa Morena e le diaparo le dijo; ka jaana ba ne ba lemoga fa lelwapa lwa goora Xao le sena go ka itumela le batho.

Mme a re e rile go ntse go ya ba bona go le maleba go aga ntlo; ka jaana boora Xao ba ne ba nna mo lejorong le ba neng ba nna mo go lone ba le masome a mabedi le bosupa; mme ruri se sa jese diwelang.

Go ya ka Mme Morekisi lephata la gagwe le setse le abile dithoto di tshwana le tsa maranyane kwa dikoleng, dijo le diaparo mo mafelong a a farologaneng’ ba setse e bile ba phepafaditse tikologo e le gone go tshegetsa matshego a tebelo pele ya setshaba. 

Mme Morekisi a re lephata la gagwe le setse le agile la bo la aba yone ntlo e e mo DKar ya goorra Xao; mme a tlhalosa gore ntlo e nngwe e a agiwa kwa Francistown le kwa Khawa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : D\'kar

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Sep 2015