Breaking News

Takatokwane o dirisa motlobo wa dibuka

07 Sep 2015

Modiri kwa motlobong wa dibuka kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Eldah Kasefitlhela a re fa e sale lenaneo la Sesigo le simolodisiwa ka  2013, banni ba motse oo, segolo jang banana, ba dirisa motlobo wa dibuka ka dipalo tse di nametsang.

Fa a bua mo puisanong bosheng, Mme Kasefitlhela a re lenaneo leo, le le itebagantseng le go rutuntsha setshaba mahala ka tiriso ya dikhomputara le maranyane a inthanete mo metlobong ya dibuka, le okile bontsi jwa banni ba motse oo.

A re pele ga go tsenngwa ga dikhomputara tse di gokeletsweng maranyane a inthanete mo motlobong oo,banni ba ne ba le maoto a tshupa go o etela.

A re boranyane jo bo kgatlhegelwa thata ke baithuti, bodiredi jwa puso le banana, mme a kaya fa banana gantsi ba bo dirisa go batla ditiro le dikole, le go intsha bodutu ka go tlhaeletsana le ba bangwe ka maranyane a a gokaganyang ba masika le ditsala. 

A re letsatsi le letsatsi ba amogela batho ba ba etelang motlobo ka keletso ya go tla go ithuta ka tiriso ya dikhomputara le inthanete, mme ba ba tlhatlhelele, a kaya fa tota maitlamo a ba metlobo ya dibuka e le go di goga kwa pele mo go atlegeng ga letshego la setshaba se se rutegileng, e bile se na  le kitso.

Go ntse go le foo, o supile fa ba itemogela tshologelo e ntsi fa dikole di tswetswe, a kaya fa baithuti ba dikole tse di mo motseng segolo jang ba sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima ba iketleeletsa go tla go balela mo motlobong, le go batlisisa fela ka tse ba sa di tlhaloganyeng kwa sekoleng ba dirisa inthanete.

Le fa go ntse jalo, Mme Kasefitlhela o gakolotse botlhe ba ba santseng ba saletse morago go iketleeletsa go etela motlobo wa dibuka go tla go amogela dithuto ka tiriso ya dikhompiutara le inthanete ka jaana ba fiwa ithutuntsho e mahala.

O bile a gakolola fa motlobo wa dibuka e se wa banana fela, ka jalo a ba kopa go o etela go tla go ithuta ka maranyane a segompieno go ithabolola. A re ithutuntsho ya dikhompiutara e ka ba thusa go tlhofofatsa matshelo a bone ka jaana kitso yotlhe ka mananeo a puso le yone e ka bonwa moo.

Mongwe wa banana mo motseng yo o etelang motlobo wa dibuka, Rre Ponego Madumane a re o lebogela thata go nna teng ga motlobo mo motseng. A re ene bontsi jwa nako o o etela go ya go akola inthanete ya mahala le go bala dikoranta tsa dikgang.

A re o oketsa kitso ya gagwe ka go bala dikoranta le go batla ditiro le sekole mo go tsone, selo se a supang fa se mo tswela mosola fela thata e bile e le tsela nngwe ya go ipetlela bokamoso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2015