Banana ba Goshwe ga ba tlhaga
07 Sep 2015
Kgosi Buyendasi Mbenga wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume a re banana ba motse oo, ba nyafala go tsaya karolo mo mananeong a puso go iphalotsha lehuma.
A re letlhoko la ditiro ke pina ya ditshaba tsotlhe mme go mo maruding a ba ba amilweng ke letlhoko la ditiro go dira pharologanyo. A re bontsi jwa banni ga ba na fa a tshwarang teng gore mafelo a kgwedi ba bo ba oba seatla.
Kgosi Mbenga a re puso e ntshitse mananeo a le mantsi gore Batswana ba kgaupetse pina ya letlhoko la ditiro.
Ka jalo, o tshwenngwa ke banana ba ba sa tsibogeleng mananeo. A re banana ba itepatepantse fela le tse di ba gogelang mo thaelong. A re o ka rata thata fa banana ba ka ipaya kwa pele go itirela gore le bone ba ne ba nankolwa e le dikai tsa tswelelopele.
A re banana ba ntshitse dinotagi botshamekelo mme kwa pheleletsong go sena maduo ape a a eletsegang.
Kgosi a re ditiro di tshwana le go utswiwa ga leruo ke selo se bana ba se ntshitseng mokgatlho wa itloso bodutu.O ne a gatelela gore go na le ba ba ikaegang ka lenaneo la Ipelegeng a re mme seo ga se yone tsela ka bone ba na le tshepho le nako e ntsi.
A re nako e ba e dirisang mo mafelong a dinotagi ke yone nako e e botlhokwa go ka dirisiwa go fetola tse dintsi. Kgosi o ne a re fa banana ba ka nna le mowa wa tirisano mmogo ba tswa ka maano a a farologaneng ba ka ya felo gongwe ka go itshetsa. A re mme banana ga ba akanye jalo.
O supile gore banana gantsi ba fa mabaka a a farologaneng go tila go bua ka mananeo a a ka thusang bone.Kgosi Mbenga a re banana ba tshwanetse go nna pelo telele, ba nne le maitlamo le dikeletso tse di maleba. O ne a re banana ka bontsi ba kgonne go ema ka mophato wa botlhano mme seo se supa fa ba fatlhogile ba tlhaloganya go le gontsi. A re ka go nna jalo ba ka ikwadisa mo mananeong a a farologaneng a go itshetsa go nyeletsa lehuma.
Kgosi Mbenga a re le ntswa banana ba le boitseme go ikemela ka dinao ga ba thuse ka go dira ditiro tsa motse go tsisa ditlhabololo. O ne a bua gore le fa ba fiwa sebaka sa gore ba nne bangwe ba dikomiti tsa motse ba boa gape ba ikgogela kwa morago. O ne a ntsha lefoko la gore banana ba batla go bona fela ba setse ba fula mme temo le tlhokomelo ya phulo ba sa e dira.
Kgosi o ne a re ga go jese diwelang go bona banana ba sokola mme puso e ba buletse dikgoro. Go sale foo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke boimana jo bo tsitsibanyang mmele jwa banana mme go sena seo se ka tlhokomelang maseanyana.
A re banana thata ba bomme ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba baakanyetsa bokamoso jwa bone le bana ba bone. Kgosi o ne a re a banana ba emele isago ya bone ka dinao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Goshwe
Event : Potsolotso
Date : 07 Sep 2015






