Tshireletsego ya dithoto ke boikarabelo jwa mong
06 Sep 2015
Banni ba Mokgenene mo kgaolong ya Shoshong ba gakolotswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela tsotlhe tse ba di fiwang ke puso. Mafoko a a builwe ke Mothusa Tona wa Lephata Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
Mme Tshireletso o ba kopile go tsaya boikarabelo jwa leruo, matlo, didirisiwa gammogo le tsotlhe tse ba di fiwang go inamola mo leubeng.
A re bontsi bo tsaya dilo tseo e le tsa puso, ntswa puso yone e leka go ba fa seriti mme jaanong e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa bone gore ba tlhokomela dilo tse. O ne a tlhalosa gore Mokgenene ke ene a agetsweng matlo a le mantsi mo kgaolong ya bone mme matlo mangwe ga a na matlhabaphefo, a fetogile mmala ntswa a nna batho mo teng.
Mme Tshireletso a re fa e sale lenaneo la go agela banni matlo le simologa, go agilwe matlo a le lesome le borataro, mme jaanong beng ba one ba a tsaya e le a puso mo ba sa a tlhokomeleng.
O ba kopile go tsaya tsotlhe tse ka lerato le boikarabelo gore di tle di tswele bana ba bone mosola mo isagong. A re fa gongwe motho o fiwa dikgomo kgotsa dipodi, mme fa o botsa gore diruiwa tseo di kae, ga go na fa di tseneng teng ka go supa gore ga go na tlhokomelo.
A re kwa dikgaolong tse dingwe, batho ba ba filweng diruiwa ba di tsadisitse e bile di dintsi ka go supa fela fa ba di fa lerato e bile ba di tlhokomela.
O kopile gore botlhe ba ba filweng eng kapa eng ba se tlhokomele mme ba tswe mo goreng dilo ke tsa puso, a tlatsa ka gore mananeo a ke a Batswana. O ne a ba rotloetsa gape gore motho a seka a tsaya lenaneo fela ka go bo a bona yo mongwe a le tsaya, a re bontsi jwa batho ga ba itse kgwebo mme bangwe ba tsaya mananeo a dikgwebo a bo a felele a sa atlega.
Mme Tshireletso o ne a ba gakolola gore ba kgona go ipopa ditlhopha, mme mo go tsone go na le bangwe ba ba nang le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo gore ba tle ba kgone go ba thusa go tsamaisa dikgwebo tsa bone.
O ne a kopa gape gore, e re ntswa mananeo e le a bone, motho o tshwanetse go tsaya se a se kgonang e bile a na le lorato mo go sone. Kgosi Mabedi Motlhagodi o ne a bolelela mothusa tona gore ba na le bothata jwa gore koloi ya kokelwana ya bone le mokgweetsi di tserwe di isitswe kwa Otse, selo se se bayang banni mo letshogong.
Kgosi Motlhagodi a re ba lekile go ikuela gore koloi e, e a tlhokafala fela thata ka jaana e le mo legareng ka e thusa motse wa Poloka le wa Dibete mme fa e le kwa Otse e kgakala fela thata ka e bile le tsela e sa siama mo e ka itlhaganelang fa gotwe go na le molwetse wa tshoganetso.
Mo go tse dingwe o ne a tlhalosa fa ba sa bone mananeo a tshwana le a dipodi ntswa ba na le keletso ya go ka di rua.
Mongwe wa banni, Rre Caiphus Semenyane, a re dipodi di teng mo kgaolong ya bone mathata ke gore dituelo tsa barui go tswa kwa pusong di a diega ke ka moo bontsi jwa barui ba senang kgatlhego ya go ka rekisetsa puso dipodi tsa bone.
Rre Semenyane o ne a tswa ka mogopolo wa gore ke eeng puso e sa dire jaaka ba BMC ba e reng fa ba reka dikgomo tsa bone ba tlele ruri ka madi mme barui ba duelwe gone foo, go na le gore ba eme dikgwedi di ka nna borataro ba ise ba bone dituelo.
Fa a ba kwa dikgaba, Mme Tshireletso o ne a kopa banni gore o tlaa tsaya dikgakololo tsotlhe tsa bone mme a bone gore go ka dirwa jang gore le bone ka e bile ba nna kgakala le ditlamelo ba bone dithuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Sep 2015






