Breaking News

Phepafatso ya metse e na le maduo

06 Sep 2015

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo kgotleng ya Lekgwapheng kwa Molepolole, Rre Molathedi Morwaang, o kopile banni ba kgotlana e go phepafatsa malwapa a bone le tikologo ka se se ka ba tswela mosola mo go fenyeng dikgaisano tsa kgotlana e e phepa.

E rile a bua mo potsolosong bosheng, Rre Morwaang  a supa fa kgotla ya bone e tumile thata mo motseng mme ka jalo a kopa gore phephafatso ya kgotlana e e simolole fela kwa malwapeng.

O ne a tlhalosa fa lekalana la Green Scorpion le leka ka bojotlhe gore beke le beke ba bolotse letsholo la  go sela matlakala a a gasameng le kgotla ya bone.

Mothusa modulasetilo a re se se bakang gore batho ba latlhele matlakala gongwe le gongwe ke ka gore ga ba ise ba tsibogele gore khansele ya bone e phutholotse letsogo gore e ba tseele matlakala mo metseng ya bone. A re mo kgotleng ya Lekgwapheng go santse go na le bangwe ba banni ba ba santseng ba ruela leruo la bone mo malwapeng le tshwana le dihutshane. 

Leruo le o tlhalosa fa le na le seabe mo go tlatseng leswe tikologo mme a rotloetsa gore banni ba fudusetse leruo la bone ko masimo ko le tla tlhokomelesegang sentle teng. A re fa leruo le nna mo metseng fa ba le tlogela le ya kwa ditseleng mme le bake dikotsi tsa dikoloi mo ditseleng. 

Mo godimo ga moo a re khansele fa e tlhatlhoba kgaolo e e phepa ba lebelela dilo tse di tswanang le mekgwatha, masaka a leruiwa le matlotla. 

A re o eletsa thata fa banni ba kgotla ya gagwe ba ka kgaola ditlhare tse di mo malwapeng a bone gore go sale go kgatlhisa. 

Go tlaleletsa mafoko a gagwe mongwe wa leloko la komiti ya dithabololo, Mme Kutlwano Motsumi, a re ka ngwaga wa 2014 ba ne ba seka ba dira sentle mo dikgaisanong tsa bophepa. O solofela fa mo ngwageng ono ba tlaa dira botoka fela thata fa esale ba simolola go ipaakanyetsa dikgaisano tse.

Mme Motsumi a re banni ga ba tsibogele go phepafatsa tikologo ya metse ya bone jaaka mo mekgwatheng. A re se ga se a tshwanela go nna tiro ya puso. Mekgwatha e, banni ba tsaya matlakala ba latlhela teng boemong jwa gore ba a beye sentle gore ba khansele ba tle ba a tseye.  O tlhalositse  gore fa banni ba ka reka ditanka mme ba ne ba latlhela matlakala mo teng ba ka ba direla tiro motlhofo. 

O ne a tswelela a kopa setshaba ka kakaretso go emisa go tshuba matlakala mo metseng ya bone a re se ebile ke molato o motho a ka o duedisiwang.  Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Bothe Gambule

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 06 Sep 2015