Motlhala wa komiti o a bonala
06 Sep 2015
Lephata la boipelego kwa Bobonong le kopane le komiti ya ditlhabololo tsa motse bosheng go rola pego ka fa komiti e ntseng e dira ditiro tsa motse ka teng.
Modiri mo lephateng la boipelogo, Mme Lenah Thebeyakgosi, o ne a tlhalosa fa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tswanetse go dira dingwaga tse pedi fela mme a supa fa molao o mosha o neela maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira dingwaga tse tharo.
Mme Thebeyakgosi a re molao o mosha ga o letlelele setshaba go tlhopha motho yo o kileng a roba molao wa lefatshe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, a tlhalosa fa komiti e dirile go le gontsi go tlhabolola kgaolo. Rre Kgosietsile o supile fa komiti ya ditlhabololo e setse e kgonne go gokela metsi le motlakase mo matlong mangwe mo kgaolong eo.
A re ba setse ba kgonne go baakanya matlwana a boitiketso gammogo le go reka ditilo di ferabobedi tse di tlaa dirisiwang ke setshaba. Rre Kgosiitsile a re ba kgonne go penta le go tsenya lebati kwa kgotleng ya Serumola.
O supile gape fa ba kgonne go araba ikuelo ya ga Tautona go neela bagodi gammogo le batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lerato ka jalo a supa fa ba dirile moriti fa bagodi ba tlaa ikhutsang teng fa ba ya go amogela madi a bogodi.
Rre Kgosietsile o tlhalositse fa ba kgonne go bona dithuso go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo le matlwana a boitiketso. A re ka tirisano ya bone le ba Ipelegeng ba setse ba kgonne go agelela mabitla a a kwa Mmaphethu.
Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa o tlhalositse fa go dira ditiro tse di faphegileng segolobogolo ya ditlhabololo go bopa setshaba. O rotloeditse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna ba begela setshaba ka fa ba dirang ditiro tsa motse ka teng ngwaga le ngwaga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Pego
Date : 06 Sep 2015






