Setshaba se ka inamola lehuma
06 Sep 2015
Mokhanselara wa Malokaganyane, Rre Arone Mothibi, o kopile banni ba motse oo go tsaya mananeo a puso go itshetsa. E rile a buisa banni mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mokhanselara Mothibi a ba kopa gore ba tsee temo-thuo jaaka kgwebo.
A re fa ba ka dira temo-thuo jaaka kgwebo ba seka ba baya fela mo go reng ba ka thusiwa ka mophako ba ka isa matshelo a bone golo gongwe. Rre Mothibi, yo e bileng e le mothusa modulasetiolo wa khansele-potlana ya Good Hope, a re kgaolo ya Morolong ke ya temo-thuo ka jalo fa ba ka e tlhwaafalela ba ka tsoga ba jesa Batswana ba bangwe.
O ba kopile go sekaseka mogopolo o a re fa ba ka dumalana le one o tlaa ba kopela bomaitseanape gore ba tle go ba rutuntsha gore ba ka atlega jang mo go fetoleng temo-thuo ya bone go nna kgwebo.
Banni ba ne ba nesetsa mafoko a mokhanselara wa bone pula ba re mo leruong ba kgorelediwa ke gore ga bana sediba fa ba ka nosang leruo teng, ba re mme go na le sediba mo motsing wa bone se ba kopang mokhanselara go ya go ba buelela le ba lephata la metsi gore ba se ba neele e le morafe gore ba kgone ba nose leruo .
Mokhanselara Mothibi o ne a ba kopa gore ba tlhophe komiti e e ka etelelang kopo eo pele gore e re fa ba kwalela ba lephata la metsi ba kwale e le setlhopha ka jaana ba batla sediba se e le setlhopha, a re fa ba dirile jalo o tlaa tsamaya le bone tsela e kwa go ba metsi go ya go kopa sediba seo.
Mo go tse dingwe ba kopile mokhanselara wa bone gore a ba kopele gore ba agelwe ofisi fa kgosi a ka tshabelang diphefo le dipula teng.
Ba re kgosi o berekela ka fa tlase ga setlhare mme fa diphefo le dipula di tla ga gona ko a tshabelang teng. Ba re le fa a na le baeng mo kgotleng ba tshwana tona ga gona fa a ba bayang teng ba santse ba emetse phuthego gore e simologe ba re kgang e ga e ba jese diwelang.
Ba kopile mokhanselara go ba kopela gore tsela e e tswang Malokaganyane e ya Pitsane Photlokwe ba e gopelwe, ba re ba e ntshitse ditlhare jalo go ka se nne dingalo thata fa e gopiwa.
Banni ba re ba agetswe ntlwana e e dirisiwang jaaka kokelwana e go neng go dumalanwe gore ka malatsi mangwe a a beilweng ba lephata la botsogo ba tlaa romela mooki le ba bangwe go tla go ba neela ditlamelo tsa botsogo ka go farologana ba re seo ga se diragale, e bile nako ngwe ke gone ba bonang mmaboitekanelo a tsile go kala bana.
Ba re ntlo e e onetse e bile e a baakangwa mme ga e na mosola ope mo go bone.
Banni ba re ke nako jaanong ya gore ba tsisediwe mooki gore a tle go berekela mo motsing wa bone,ba re le fa go sena ntlo ya mooki ba ka taboga mo motsing ba mmatlela ntlo e a ka nnang mo go yone ka ba tlhoka thuso e bile ba bogisega go thusiwa ka tsa botsogo.
Ba ne ba bua ba sa kgale mathe mo ganong ka fa mmaboipelego a ba kgokgontshang ka teng,ba re ga a na tirisano mmogo le bone.
Ba re mmaboipelego o a ba latlhelela ga a ba thuse ka fa go tshwanetseng e bile golo moo go dira gore ba tlhoboge puso ka jaana ba ipotsa gore a bone ga se Batswana fa mmaboipelego a ba rontsha mananeo a puso.
Banni ba re mmaboipelego ga a ke a ba fa mabaka a gore ke eng ba sa atlega mo mananeong a nyeletso lehuma fa e se fela go ba raya a re ba ka se thusiwe, ba re ba tlhoka tlhaloso ya go itse gore bone ke eng ba se ke ba bo ba atlega. Ba kopile mokhanselara gore a ba kopele gore mmaboipelego a fetolwe ka ba lekile go itshoka mme ba babaletswe.
Mokhanselara Mothibi o ne a dumalana le kopo e ya bone a re o bone, ebile o utlwile ka fa ba bogang ka teng. A re o tlaa ya go kopana le mokwaledi wa khansele go bona tharabololo ya kgang e. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : Malokaganyane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Sep 2015






