Dikgosi di rotloediwa go sireletsa bogosi
06 Sep 2015
Dikgosi tsa Tswapong di rotloeditswe go sireletsa seriti sa bogosi se se tsweletseng ka go wela tlase ka bonya ka bonya. Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare e bile e le moemedi wa Batswapong kwa Ntlo ya Dikgosi, o ntshitse thotloetso fa a buisana le dikgosi tsa kgaolo ya Tswapong kwa Mokobeng bosheng.
Kgosi Modise a re baemedi kwa Ntlong ya Dikgosi ba tshwentswe ke seemo se se bifelang pele sa go wela tlase ga boleng ja bogosi.
A re ka jalo ba ne ba bona go le maleba gore ba bolotse letsholo la go buisana le dikgosi tse dingwe lefatshe ka bophara go tsaya megopolo ya gore ke go dirwe jang gore seriti sa dikgosi se seka sa nyelela. O ne a tlhalosa fa seriti e le selo se se tsamaelanang thata le ka fa motho a itshwarang ka teng.
Ka jalo Kgosi Modise o ne a rotloetsa dikgosi go itlotla, go tlotla bangwe ka bone, go tlotla tiro ya bogosi ga mmogo le gone go tlhompha setshaba se ba se eteletseng pele.
Kgosi Modise o ne a tswelela ka gore dingwe tsa dikgang tse dingwe tse di sa ba robatseng kwa Ntlong ya Dikgosi ke go tlhoka go duelwa sentle ga dikgosi dingwe le go berekela mo seemong se se sa itumediseng mme a fa sekai ka ofisi ya kgotla kwa Sefhare. A re ofisi eo e nngwe fela mme go berekela dikgosi di le tharo mo go yone.
O ne a tlhalosa fa gape ba tshwenngwa ke go boifa molao fa ba tshwanetse go tsenya badiramolato mo tseleng.
A re gape dikgosi di lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko le tlhaelo ya didirisiwa ka bontsi mo dikgotleng selo se a reng se baka gore ba seka ba bereka tiro ya bone ka manontlhotlho.
Go ntse go le foo, kgosi Modise o ne a supa gape fa Ntlo ya Dikgosi e le bete se molangwana ka dikgang tsa sepolotiki mo bogosing. A supa fa bogosi le polotiki di sa age motse.
Kgosi Modise o ne gape a kgala dikgang tsa go lwela bogosi a sa oshaoshe a re dikgang tseo ke dingwe tsa diemo tse di bakang go wela tlase thata ga seriti sa bogosi ka morafe gantsi o akanya gore go lwelwa go ja e seng go ba etelela. Ka jalo o ne a kopa dikgosi go ema Ntlo ya Dikgosi nokeng gore ba ise dingongorego le go kopa tharabololo kwa go ba ba maleba ka lentswe le le lengwe.
Fa ba tswa la bone dikgosi, ba ne ba supa fa le bone ba tshwenngwa ke kgang ya go latlhegelwa ke seriti. Mongwe wa bone, Kgosi Maele Maele wa Goo-tau o ne a supa fa seriti se sa tlhole se le teng gotlhelele mo bogosing.
A re se se senogile kwa motseng wa gagwe ka bontsi ja maphata a puso a kgona go mo tlola godimo a bo a rerisana le go tsaya ditshwetso le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Kgosi Maele a re gape e le dikgosi, ga ba a fiwa dithata tsa go laola babereki ba bangwe mo dikgotleng jaaka bakwaledi. O ne a fa sekai ka gore dinako tsotlhe fa bakwaledi ba fiwa malatsi a go itapolosa kgotsa ba tlhatlosiwa maemo, makwalo a bone a bewa monwana ke molaodi kgotsa mongwe fela ntle le kgosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Mokobeng
Event : Bokopano
Date : 06 Sep 2015






