Baithuti ba pele ba abela sekole dibuka
06 Sep 2015
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lobatse Secondary School, ,Rre Mpaladzi Majingo, o lebogetse baithuti ba pele ba sekole seo go abela sekole seo dibuka.
Rre Majingo o buile jalo bosheng fa a amogela baithuti ba pele ba sekole seo ba ngwaga wa 1998, ba tsile go abela sekole se dibuka. A re baithuti bao ba pele ba bone go le botlhokwa gore ba direle sekole sengwe ka gore se ba dirile se ba leng sone.
Moeteledipele wa baithuti ba pele, Rre Tshepho Bathai, a re ba ne ba lemoga gore sekole se ga se dire sentle mme ba kopana le bogogi. A re ba ne ba eletsa go dira mothao wa mokgatlho o o ka thusang baithuti le bone barutabana mo mananeong a thuto.
A re e re ba sa ntse ba letile gore mokgatlho oo o rurifadiwe ba seka ba nna fela ba akanya gore ba ka dirang mme ba bona go le maleba gore ba kgobokanye bonyengnyane jo ba nang le jone mme ba reka dibuka di le masome a supa le boferabobedi, tse e leng gore e le nngwefela ya tsone e lopa madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula.
Rre Bathai a re ga ba nosi go abela sekole se ba na le ba tsa boranyane ba Huawei ba ba tlaa thusang ka dimpho tsa letsatsi la kabo dimpho mo sekoleng seo, jaaka diselefouni tse di tlaa fiwang baithuti ba ba gaisitseng ba le babedi.
Baithuti bao ba pele ba ne ba aba buka e e bidiwang gotwe”Know what matters”.
Mokwadi wa buka eo Rre Saidi Mdala a re o rata baithuti le dibuka fela jaaka a dumela mo baithuting le mo dibukeng.
Rre Mdala a re baithuti ba botlhokwa ka gore ke losika lwa batho b aba nang le ditoro le dikeletso, jalo a tlatsa ka gore buka e e tlaa dira gore baithuti ba nne se ba ba tlang go nna sone mo isagong. A re buka eo e ka dira gore motho mongwe le mongwe a itshekatsheke mme a itseye ka motlhala mo botshelong.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng North Rre Gofaone Kedise, a re baithuti ba ngwaga wa 1998 ba dirile pharologanyo, ka maiteko a go tsibogela kwelo tlase ya maduo a baithuti kgotsa go ba rotloetsa a re se ke kgwetlho ya batho botlhe go tsaya boikarabelo.
Rre Kedise a re boranyane bo botlhokwa le ka fa bo dirilweng ka teng mme go tlhoka gore bo dirisiwe ka boikarabelo.
A re dimpho tse baithuti ba di fiwang ba tshwanetse go di tlhokomela ba di dirise mo go botlhokwa di tle di ba thuse kgotsa di ba rute. Mokhanselara Kedise o ne a gwetlha baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo a re baithuti ba pele ba supa fa ba kgathala e bile ba ba tlotla ka ba tshwenyega ka matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Sep 2015






