Bogogi jwa Shoshong bo itebaganya le borukutlhi
06 Sep 2015
Bogogi jwa Shoshong kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye ga bo robadiwe ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Felix Kgamane o supile fa borukutlhi kwa Shoshong bo ile magoletsa bogolo jang jwa dilalome tse di tsenelelang batho mo matlong bosigo di itseele dikobo ka dikgoka fa di fitlhela bomme ba le nosi kana ba ba thukuthe.
O ne a fa sekai sa tiragalo ya bosheng e mo go yone dilalome di tseneletseng morutabana wa sekole sengwe mo ntlung mme ba tsaya karata ya gagwe ya banka ba ya go tsaya madi a gagwe kwa motshineng wa (ATM) mongwe wa bone a setse le morutabana go tlhomamisa gore o ba neetse dinomore tsa nnete gore ba kgone go tsaya madi.
Go itebaganya le seemo seo, Kgosi Kgamane o boletse fa ba ne ba patelesega go tlhama komiti e e akaretsang bogosi, badirelapuso le mapodisi go tshwara diphuthego mo motseng ba bua ka seemo sa borukutlhi.
O kaile fa ba itemogetse gore dilalome tseo di loga maano a borukutlhi kwa marekisetsong a bojalwa ka gore fa ba sala motlhala wa dilalome tseo morago ba itemogela fa di fetile ka marekisetso a bojalwa pele ba ka inaakanya le borukutlhi. Kgosi Kgamane o boletse fa ba tsere tshwetso ya gore barekisi ba bojalwa ba apeye bojalwa gangwe fela mo bekeng seo e le maiteko a go fokotsa seemo sa borukutlhi.
O boletse gape fa ba le mo thulaganyong ya go dira mogwanto kgatlhanong le borukutlhi o o tlaa bong o eteletswe pele ke mogolwane wa sepodise yo o okametseng metse ya Mahalapye, Palapye, Serowe le Shoshong kgwedi eno e tlhola malatsi a le boferabobedi.
Mo go tse dingwe Kgosi Kgamane o boletse fa motse wa Shoshong o na le mathata a tlhaelo ya metsi mme seemo sa teng se le botoka ka gore kompone e e itebagantseng le metsi ya Water Utilities Corporation e ba lekodisa ka kgaogo ya metsi nako e santse e le teng. O tlhalositse fa seemo sa metsi se tokafetse fela thata ka gore metsi ga a sa tlhole a nna dibeke tse pedi go ya ko kgweding a seyo mo motseng.
Go sale foo kgosi Kgamane o tlhalositse fa mananeo o puso a amogetswe fela sentle mo Shoshong mme mathata e le gore a bonya go goroga kwa bathong.
O kaile gore banni ba kgonneng go tlhokomela mananeo a ba a filweng ba kgona go itshetsa le ba malwapa a bone.
Kgosi o kaile fa mananeo a a amogetsweng thata e le a thuo ya dikoko, dipodi le dikgomo, masingwana a merogo le Ipelegeng. Kgosi o tlhalositse fa go na le ketsaetsego mo bathong ba ba thusitsweng ka lenaneo la LIMID/ nyeletso lehuma le go rua dikoko.
O kaile gore fa dikoko tse ba di filweng di swa ba boela ko go mmaboipelego go kopa thuso mme ka tshwanelo ba tshwanetse go ya ko lephateng le le itebagantseng le loruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 06 Sep 2015






