Korobela e apesitse Bokspits kobo ka letshoba
03 Sep 2015
Barui ba dikoko ba Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, ba lela sa khuranyo ya meno morago ga gore ba latlhegelwe ke dikoko tsa bone ntateng ya bolwetse jwa korobela.
Rre Hendricks Rautenbach, mongwe wa bagwebi, a re e ne e le mahutsana fela go bona a tshwanelwa ke go katela makgolokgolo a dikoko tsa gagwe. A re se ke tiragalo e e iseng e mo diragalele mo kgwebong e.
“Ke ne ke na le dikoko di ka feta makgolo a mararo mme tsa a swa tsotlhe. Ke lekile ka ditsela tsotlhe go di sireletsa ga pala,” a tlhalosa.
O boletse gore e rile tsa ntlha di simolola go supa dikai tsa bolwetse ba leka go di tlhaola mo go tse dingwe mme se se ne sa seka sa thusa sepe ka e rile kwa pheletsong dikoko tsotlhe tsa a swa. Rre Rautenbach o boletse fa se e nnile poelo morago fela thata ka go sena sepe se se mo saletseng.
O ne a tswelela a tlhalosa gore o ne a rekisa dikoko tse go itshetsa e bile a ne a na le mogopolo wa go di oketsa ka lengwe la mananeo a puso. Mme Sophia Steenkamp o boletse fa go latlhegelwa ke dikoko tsa bone e le poelo morago e kgolo fela thata.
“Ke ne ke rekisa mae a tsone le gone go rekisetsa ba ba batlang go tlhaba ka jalo tatlhegelo e ke poelo morago ka ke setse ke iphotlhere.”
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore se se botlhoko thata ka kgang e ke gore ga ba kgone go bona thuso. A re ba lekile go ikopanya le ba ofisi ya temo-thuo go kopa dikgakololo ka se ba ka se dirang mme ba fitlhela matlotla. Mme Steenkamp o ne a tlhalosa gore dikoko di simolola ka go nna le botala mo tlhogong mme e re go tswa foo di bo di korobela go fitlhela di swa.
A re o setse a latlhegetswe ke palo e e fetileng masome mabedi. A re ba lekile go thulanya ditlhogo ka kalafi e ba ka e dirisang mme ga seka ga thusa sepe.
O ne a tlhalosa gore ko LAC le gone ga ba kgone go reka sepe ka go nna go tswetswe. Mme Steenkamp a re go tswalwa kgapetsa kgapetsa ga LAC ke nngwe ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le barui mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedidimetse Van der Westhuizen
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2015






