Breaking News

Bana ba Tshegetsang ba a iteka

03 Sep 2015

Go bolelwa fa dikgang tsa botlhoka tsebe kwa sekoleng se segolwane sa Tshegetsang kwa Molepolole di ile tlase fela thata. Se se boletswe ke mogokgo wa sekole seo Mme Marina Ramotshabi mo potsolosong bosheng. 

Mme Ramotshabi a re mo nakong e e fetileng, ba ne ba nna le dikgang tsa botlhoka tsebe di le dintsi.

A re mo setlheng se se fetileng, ba ne ba koba ngwana mongwe mo sekoleng morago ga go lemoga fa e le ene tshoso-e-rweleng mo go gakatseng botlhoka tsebe mo sekoleng. O ne a tlhalosa fa moithuti yoo, e ne e le mongwe wa baithuti ba ba tsileng sekoleng ka lenaneo la go boela sekoleng la Back to School. 

O ne a tlhalosa gore baithuti ka bontsi ba ba neng ba le mo segongwaneng seo sa botlhoka tsebe ba ne ba itharabologelwa mme e bile segongwana seo sa thubega.

Mme Ramotshabi o ne a tlhalosa fa a itumelela tirisano ya batsadi le sekole ka dikgang tsa botlhoka tsebe, a tlhalosa fa batsadi ba tsibogela taletso ya diphuthego tsa sekole. O ne a tlhalosa gore tshwaragano ya motsadi le morutabana e botlhokwa fela thata mo go ageng moithuti.

A re motsadi yo o kgathalang ka thuto ya ngwana wa gagwe o supa maikarabelo a magolo le go supa kgatlhego mo go ageng isago ya ngwana e e botoka.

O ne a tlhalosa fa a itumelela mogopolo o o tsileng ka Kgosi Kgari III wa go abela dikole tsotlhe tsa Molepolole dikgosana go dira le tsone. O ne a tlhalosa fa dikgosana tse, di tlaa bo di thusa mo go otlhaeng bana ba ba tlhokang tsebe mo dikoleng. Ba tlaa bo ba tsaya karolo mo go rotloetseng batsadi go tsena diphuthego tsa dikole le go thusana le megokgo go tla ka maano a go tokafatsa dikole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhayaa

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 03 Sep 2015