Breaking News

Dikereke kwa Ghanzi di bonya

03 Sep 2015

Moruti Shadrek Matibisi wa lekgotla la baruti kwa Ghanzi a re dikereke tsa kgaolo eo di goga maoto go ya dipitsong. Moruti Matibisi o buile se mo tshimolodisong semmuso ya kgwedi ya merepelo. A re dipalo di supa fa dikereke kwa Ghanzi di le 96 mme mo merapelong go ne go tsile dikereke di le tharo fela. 

A re go a tshwenya go bo dikereke di goga maoto e bile seabe sa tsone se sa bonale le ntswa puso e dira maiteko go ema dikereke nokeng.

A re dikereke di ka dirisa sebaka se go itshekaitsheka mo ntweng go lwantsha kanamo ya mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS. A re dikereke di tswa kgakala di kgethololola ba ba neng ba amilwe ke mogare ka go ne go dumelwa gore ba leofile. Moruti Matibisi a re mo bogompienong ba lebogela gore dikereke di setse di tlhaloganya mme ba amogela ba ba amilweng ke HIV/AIDS. 

O rotloeditse dikereke go gakolola maloko a tsone go itlhatlhobela mogare le go tsaya kalafi go ya ka ditaelo tsa ba bongaka go somarela matshelo.

O nea  kopa dikereke go kopa dikgakololo mo boeteledipeleng jwa motse fa ba na le dipharologanyo go na le go kgaogana ba ya go itshimololela dikereke tsa bone. 

Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a re kgwedi e e seegetswe kwa thoko go nna ya merapelo le go gakologelwa ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya HIV/AIDS, a re barapedi e tshwanetse go nna barapedi ba nnete le go tlotla mebele ya bone mme dikereke e nne lefelo le go buiwang e bile go diragala ditiro tse di molemo teng.

A re o itumelela thuto e  e setseng e tsene mo Batswaneng ka go lebega ba setse ba tlhaloganya e bile ba na le kitso ka mogare wa HIV/AIDS. 

A re kgwedi e e seegetswe kwa thoko gore dikereke di itshekatsheke gore di dira eng go hema seemo sa kanamo ya mogare.

A re puso e rotloetsa tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng ka dinako tse tsotlhe go thibela go tsenwa ke mogare, mme o rotloeditse borre go ya go rupa ka go supega fa se se ka fokotsa kanamo ya mogare. O ba rotloeditse go emisa kgethololo mo go bao ba ba nang le mogare. 

A re setlhogo sa letsatsi ke “Mebele ya rona ke tempele ya Modimo, re ema kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV.”

A re ba tshwanetse go itlotla ka dinako tse tsotlhe le go ikgapha mo ditirong tse di ka bayang matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV. Ends

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : Ghanzi

Event : Kgwedi ya merapelo

Date : 03 Sep 2015