Kgotla ya Mmapole e lorile
03 Sep 2015
Banni ba kgotla ya Mmapole jwa Boseja kwa Mochudi ba lela sa ga ragele morago ga gore kgotla ya bone e jewe ke molelo ya ba ya lora.
E rile makuku a Labobedi wa Lwetse a tlhola gangwe banni ba tsosiwa ke go bona kgotla ya bone e peperetla ka molelo mme ba sa itse gore matsapa di a tsaya kae. Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Gomolemo Gouwe, a re ba tshwerwe ke kgage mme ba ipotsaka dipotso gore a molelo o ka ja kgotla ya bone e e neng e agilwe bontle jaana.
A re go ngomola pelo go bona maiteko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a go tlhabolola kgaolo eo a tsena ka lenga la seloko.
Rre Gouwe a re ba ne ba bitsa mapodisi go tlhotlhomisa kgang eo ka ba belaela senokwane sengwe se dirile tiro e e maswe eo. A re e re le ntswa ba sena botsipa jwa go sekaseka kgang, mme fela ba belaela gore mongwe o ne a tsena mme a tshuba kgotla ya bone e le go ba swelela ka go sena sepe se se neng se ka utswiwa mo go yone.
Mokhanselara a re ba bone setlhako sengwe se tsena mo kgotleng se ba se tswa mme ba belaela gore mong wa sone ke ene a tshubileng kgotla eo.
E re ka jaana lefatshe la Botswana le ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome mane le boferabongwe le ntse le ipusa, ba kgotla ya Mmapole ba ya go ja boipuso jo bo bosula e bile le kutlobotlhoko e santse e ba apesitse. Rre Gouwe a re dipaakanyo di ne di setse di simolotse go ipaakanyetsa boipuso mme jaaanong ga ba itse gore ba ya go dira jang.
E rile mo potsolosong le BOPA, Ramapodise a Mochudi Superintendent Olebile Sitale a rurifatsa fa ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone kgotla ya Mmapole e jelweng ke molelo.
A re ba ne ba tshegeditse monna mongwe wa mmelaelwa go ba thusa go tlhotlhomisa kgang eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2015






