Kebonang o a ngongorega
03 Sep 2015
Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo.
Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. “Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le a a itsapela, kgotsa ga le a tlhoke, kana a a tura, ka ikopelo ya lona ya madi e kwa tlase,” aga bua Rre Kebonang
A re puso e dirile mananeo a a thusang ka madi jaaka CEDA go adima Batswana madi gore ba tsene mo dikgwebong.
Mothusa tona o kgothaditse banni go iteka ka go dirisa mananeo. Rre Kebonang a re mongwe le mongwe o ka tlhama kgwebo, ka jalo go le botlokwa gore bangwe ba tlhame ditiro, go thusa puso mo tshokolong ya letlhoko la ditiro.
“Puso e ka se kgone go hira mongwe le mongwe, ke ka moo e tsileng ka mananeo a dithuso tsa madi go dira dikgwebo, e le sebaka sa go rotloetsa Batswana gore ba itirele dikgwebo go imolola puso mokgweleo wa khiro,” a tlhalosa. A re letlhoko la motlakase le metsi ga se mathata a a tlaa nnelang ruri.
“Re dumela gore, lefatshe le le santse le le lennye mo e leng gore rotlhe re ka leka go tsaya mananeo, ra a dirisa, ra tlhama ditiro, gore le rona mo botshelong re ka nna le ditsarona,” a bolela.
Fa a tlhalosa ka mananeo a a leng teng kwa CEDA, mogolwane wa lekalana leo, Rre Thabo Thamane, o tlhalositse fa CEDA e dirilwe morago ga puso e sena go lemoga fa Batswana e ne e le babogedi mo mererong ya tsa kgwebo, mo lefatsheng la bone, ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya gore ba ntshe lenaneo le e leng gore le tlaa thusa Batswana ba e leng gore ba kokonelwa ke merokotso le dielo tse di batliwang ke dibanka.
Rre Thamane o buile ka lenaneo la banana le a supileng fa le tokafaditse melawana yotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng.
A re ba dirile thumalano le ba kabo ya lefatshe go abela bakopi lefatshe. “Re na le letshwenyego la bagolo ba e leng gore ba dirisa banana go tsaya madi, ka gantsi e le bone ba etelelang banana pele mo ikopelong ya madi,” a supa. O ile a supa fa ba thusa dikgwebo tse e leng gore ga di na madi a go reka dithoto fa ba bone dithendara, e le karolo fela ya bontsi jwa mananeo a bone.
O kgadile dikakanyo tsa gore go tlatsa diforomo go thata, ka gantsi batho ba go nna jalo ba ise ba dire maiteko a go e dirisa.
Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Haskins Nkaigwa, o ne a lebogela lesedi le mothusa tona, a tsileng ka lone, a supa fa go tlhokafala gore banni ba ne ba ithuta gore ba tle ba kgone. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa gore ba dirise mananeo, mme seemo sa botshelo se supa fa go santse go supagala gore ba kabo ba tshela jaaka ba tshela.
“Tsholofelo ke gore letlhoko la ditiro le le re apereng mo kgaolong e ya rona, ke gore re bone botsadi, banana, ba ba ntseng ba reeditse ka tlhwaafalo ba simolola le gone go tsaya mananeo a,” a tlhalosa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Gaborone
Event : Phuthego
Date : 03 Sep 2015






