Breaking News

Ba filwe ditlhako le dikobo

03 Sep 2015

Moeteledipele wa Moto Reliance kwa Mahalapye, Rre Keshir Ahiri, o abetse ba-na-le bogole ba le supa ditlhako le dikobo kwa Tobela mo kgaolong ya Shoshong bosheng.

E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo, mohumagadi wa ga Rre Ahiri,  Mme Rachel Magapa a bolela fa se ba se dirang e se ipapatso mme e le go supa lerato mo bathong ba ba tshelang le bone. Mme Magapa a re go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka e se bone ba ikgethetseng  seo mme e bile gole  botlhokwa go ka ba namola mo lehumeng.

O tlhalositse fa ba eletsa go bona kgatelo pele mo setshabeng go ya ngwageng wa 2016 o ka one ba Batswana tshwanetseng gonna setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe.

Fa a tswa la gagwe, kgosi wa Tobela, Major Mmphoyakgosi Kgotlayame o kopile baabelwa go tlhokomela tse ba dinewang ga mmogo le go se ngongoregele bonnyane jo ba bo fiwang ke khamphani ya Moto Reliance.

Kgosi Mmphoyakgosi o ne a lebogela se se dirilweng ke khamphani eo, ka ele nngwe tsela ya go thusa puso mo lenaneong la nyeletso lehuma. Moto Reliance e kile ya abela gape banni ba metse ya Mmutlane, Kalamare le Bonwapitse.

O kgothaditse banni ba kgaolo go nna le lerato mo bathong a re thuso ga e tswe fela ka dikomponeng kana ka gore motho mongwe o humile a re go a kgonagala gore se motho a nang naso o kgaoganye mongwe le ene a ise ganong ke go supa lerato go dira jalo.

E ne ya re fa a leboga mma boipelego go tswa Shoshong, Mme Tlhokwane Gosiame a kgothatsa banni ba koo go ithuta mo go se se diragalang ka e le yone tsela go ya ngwageng o o tlang. Mme Gosiame a re go thusa motho yo mongwe ke go ikokeletsa masego, ka e bile khumo e le matlhare e tlhotlhorega, a tlatsa ka gore go sego letsogo le le abang.

A re go nyeletsa lehuma ga se boikarabelo ja puso e le nosi ka Motswana mongwe le mongwe a na le seabe mo go nyeletseng lehuma ka ditsela tse di farologaneng ka jalo go thusanwe ka gotwe matlo go sha mabapi. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Gasebotlhe Gasenna

Location : Tobela

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Sep 2015