Me And You e rotloetsa banana
03 Sep 2015
Modulasetilo wa mokgatlho wa Me And You kwa Molepolole, Rre Boago Koontse, a re banana ke bone bokamoso jwa lefatshe leno.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Koontse a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka maikaelelo a go ntsha banana ba motse oo mo mekgwatheng le go ba rotloetsa go tsena mo mererong ya motse ka e le bone ba tlaa bong ba o eteletse pele mo isagong.
A re mokgatlho o, oo tlhamilweng ka ngwana wa 2013, o ikaelela go tsosolosa mowa wa go direla setshaba le go kopanya batho mo motseng. A re ba ne ba lemoga gore banana ga ba a nna le seabe mo go direng ditogamaano tse di amang motse wa bone ga mmogo le diphuthego tsa kgotla mme ba felela ba tseelwa ditshwetso ke bagolo tse fa gongwe di ba bayang ka fa mosing.
O ne a tlhalosa fa jaanong go tlhamiwa ga mokgatlho o, go tlaa thusa go lemotsha banana mosola wa bone go tsena merero ya motse wa bone le gore seabe sa bone se ka dira pharologanyo e ntsi mo go ageng motse.
O tlhalositse gore jaaka e le mokgatlho ba tshwara dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao mo motseng ngwaga le ngwaga go kopanya banana ba motse le go kgapha ba bangwe mo dilong tse di fapogileng jaaka nnotogi le borukutlhi. Rre Koontse o kopile banana ba Molepolole go tsena mokgatlho o go ka thusa go tla ka maano a go itlhamela mebereko le go inamola mo lehumeng le le apereng lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2015






