Breaking News

Banni ba kopa sekole

03 Sep 2015

Banni ba Machana mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima ba re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka sekole. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa tautona yo gape e leng mopalamente wa kgaolo, Rre Mokgweetsi Masisi bosheng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Keromilwe Otlhakanye, a re ga ba jesiwe di welang ke gore motse wa bone ga o tlhabologe. O boletse gore mo nakong ya gomopieno, dipalo di supile gore bana ba le 215 ba nna fela mo malwapeng ka gore ga ba a kwadisiwa kwa sekoleng, se se kwa Pitseng le Sese, kwa a tlhalositseng fa go le sekgala seleele fa go lebeletswe bana ba mophato wa ntlha.

Rre Otlhakanye a re se se pateletsa batsadi gore ba fudugele kwa metseng e go atametsa bana sekole mme a re maiteko a bangwe a felela a sa atlege ba tlhokile bonno ka gore bone ba agile kwa Machaneng.

Modulasetilo a re go tlhoka go tsena sekole go felela go dira gore bana ba inaakanye le ditiro tse di duleng mo tseleng di tshwana le go ithuta tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana mmogo le go dirisa ditagi dilo tse di feletsang di ba latlhisa tsela ya botshelo le go ba okeletsa lehuma.

E rile mongwe wa banni Mme Dikakanyo Ralosu a mo tlatsa a supa fa a na le bana ba le bararo ba ba sa tseneng sekole ka ntlha ya seemo seo. A re seemo se se mo ngomola pelo ka jaana o ne a solofetse gore ba tsoge ba mo tshedisa. 

A re mo nakong ya gompieno ditoro tsa gagwe di phirimile. E rile fa a tsibogela kgang e, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Acronews Maseko a dumelana le morafe a tlatsa ka gore bana ke bokamoso e bile ke bone lesedi la lefatshe leno. 

A re go tlhoka go tsena sekole ga bana go raya gore lefatshe leno le latlhegelwa ke babusi ba kamoso. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : Machana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Sep 2015