Dikgatlhong o tlhaelelwa ke dipalamo
03 Sep 2015
Kgosi Muenda Moreti wa Dikgatlhong kwa Kweneng-Botlhaba o ikuetse ka letlhoko la dipalamo tsa setshaba go tswa mo motseng wa bone go ya Lentsweletau le Gaborone.
Kgosi o ntshitse ikuelo e bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse bosheng.
Kgosi o tlhalositse fa dipalamo tsa setshaba di felela kwa Lentsweletau fela, a tlatsa ka gore, e re le ntswa go ne go na le mongwe yo o ne a kgatlhegetse go ka ba tswa thuso ya sepalamo sa setshaba, ga a ka a atlega fa a kopa teseletso kwa go ba lephata la dipalamo.
E ntse e le mo go tsa dipalamo tsa setshaba, monana mongwe o ne a tlhalosa fa e kile ya re a kopile mosepele mo koloing nngwe, ya sia ka ene e tsena mo se sekgweng, e le go gatelela ntlha ya kgosi, go supa fa go tlhoka dipalamo go ba jesetsa mo lesweng. Banni ba ne ba ikuela gape ka gore, e re ka Molepolole e le motse o ba tsayang ditlamelo ka bontsi mo go one, tsela ya Lentsweletau-Molepolole e tshelwe sekonetere ka se tlaa fokotsa madi a ba a duelang go lefa mosepele.
Mopalamente Seretse o ne a supa fa a gakgametse gore ba lephata la dipalamo ba ganne ka teseletso, a tlhalosa fa a tlaa latedisa kgang.
O ne a tlhalosa gape fa e rile bosheng a bo a kopane le tona wa dipalamo le ditlhaeletsano a mo lekodisa ka tsela ya Lentsweletau-Molepolole, yo o supileng fa e setse e tsentswe mo lenaneong la go tshelwa sekontere.
Mongwe wa banana, Mme Keamogetse Nkgago, o ne a ngongorega ka gore ba temo-thuo ga ba ke ba ba lekola kwa masimo le morago ga ba sena go ba fa mananeo; jaaka go tla go ba fa melemo ya leruo.
Mme Selipa Toromaba ene o ne a akgola ba kabo ditsha, a tlhalosa gore gangwe le gape ba a ba lekola.
Mme Toromba o ne gape a akgola puso ka mananeo a yone, a re o kgonne go agelela tshimo ya gagwe, leg o nna le mochine o o silang dijo tsa leruo.
Mo phuthegong e nngwe kwa Sojwe e ntse e buisiwa ke mopalamente Seretse, banni na ne ba lela ka letlhoko la metsi, go ne go lebega e le selelo se le sengwe le sa banni ba Dikgatlhong. Bone ba ne ba ngongorega gape ka go tlhoka boroko ga badirelapuso le go go tsaya nako go shwahatsa sekole sa bone se segolwane sa Macheng, se seemo sa sone se setseng se tlhobaetsa.
Kgosi Tlhabologang Hube wa Sojwe, o ne a supa fa a tshwenyegile ka go tlhoka boroko ga badirelapuso ka kakaretso mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore mme ba ka solofelwa go ntsha maduo jang fa ba sa nne sentle.
Kgosi Hube o tshwaetse gape ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe a re sebe sa phiri ke gore ba sepodise ga ba na koloi. Matshwenyego a a neng a ntshiwa ke bana ka bontsi ke gore, fa ba leka go tsenya dikopo kwa lekalaneng la Citizen Entrepreneurial Development Agency, ba batliwa selekanyo sa masimo a matona a ba senang one.
Ba ne ba ngongorega le ka gore makalana a a farologaneng, jaaka la banana, Local Enterprise Authority le lone la CEDA, ga a ke a ba etela kwa motseng go ya go ba rutuntsha ka tsa ipulelo kgwebo, le tse ba di tlhokang fa motho a tsenya kopo.
Yo o neng a emetse ba lekalana la CEDA, Rre Motsumi Yane o ne a gakolola gore baikopedi ba ka kopa ba masimo a ba agisantseng le bone go a kopanya gore ba tle ba kgone go thusiwa, a tshwaela gore fa masimo a kopantswe, dipoelo di ka nna botoka. Mopalamente Seretse o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno go ikaegilwe thata ka temo-thuo, jalo a kopa setshaba go sala ditaelo tsa temo morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : Dikgatlhong
Event : Phuthego
Date : 03 Sep 2015






