Ga ba batle kompone e gweba kwa Kudumatse
02 Sep 2015
Banni ba motse wa Kudumatse mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba boletse ka fa ba sa batle kompone e e gwebang ka motlhaba mo motseng wa bone.
E rile mo phuthegong e e faphegileng e itebagantse le kgang eo bosheng, e buisiwa ke mopalamente wa bone Mme Botlogile Tshireletso banni ba tlhalosa fa bone ba sa batle go utlwa sepe ka kompone eo ka e bile go lebega e abetswe teseletso ka tsela e e sa tlhamalalang.
Mongwe wa banni Rre Mothusi Setswamafoko o ne a tlhalosa fa e le banni ba motse wa Kudumatse ba kwadile dikwalo di le dintsi go ya kwa maphateng a a farologaneng a tshwana le la kabo ditsha, meepo le tshomarelo tikologo go supa fa ba sa itumedisiwe ke kompone eo.
Rre Setswamafoko o supile fa bone e le banni ba motse oo, ba sa rerisiwa gore pele ga kompone eo e ka abelwa teseletso eo, mme molao one o supa fa ba ne ba tshwaneste go ka bo ba rerisitswe.
O ne a tlhalosa fa ba bone dikoloi tsa megobagoba fela di thotha motlhaba mo motseng wa bone mme baeteledipele ba motse, dikgosi, makhanselara le maloko a ditlhabololo tsa motse wa bone ba sa itse sepe.
Fa a mo tlatsa a ntsha mabaka a gore ke eng ba sa batle kompone eo, Rre Phefo Phefo o ne a tlhalosa fa se se ba utlwisang botlhoko e le gore kompone eo, e tsaya motlhaba mo nokeng ya bone e ba itshetsang ka yone.
Rre Phefo o ne a tlhalosa gore noka eo ba nwa mo go yone ka didiba tse di ba nosang ga mmogo le leruo la bone di tsaya metsi kwa nokeng eo bogolo jang fa kompone eo e epang motlhaba teng.
Fa a tswa la gagwe mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha le lebotlana la Mahalapye Rre Bernard Phillimon o ne a tlhalosa gore ka fa tsamaisong, molao o supa fa ba ka bo ba ne ba rerisitswe ka moepo o wa motlhaba.
Rre Phillimon o ne a tlhalosetsa banni tsamaiso yotlhe ya gore motho kgotsa kompone e tshwanetse go sala ditsetlana di fe morago go fitlhelela e ka fiwa teseletso, e akaretsa teseletso ya go dupa, a bo a ipatlela moitseanape wa go epa mme ditshwetso tsa bone ba di ise kwa lephateng la meepo, ke bone jaanong ba ka ka sekasekang gore a mme motlhaba one o teng.
E ne e rile go le pele, Mme Tshireletso a tlhalosa fa dikgang tsa gore ga ba batle kompone eo di gorogile kwa ofising ya gagwe mme e le motsadi wa bone o bone go tlhokafala gore a tswe maoto a tle go itseela ka tsebe gore gatwe go rileng.
O ne a tlhalosetsa morafe gore dikgang tsa mofuta o, di dingalo mme a lebogela banni go bo ba ne ba seka ba ipona tsapa go ya go kopa thuso kwa go tshwanetseng gore kgang e e wele sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 02 Sep 2015






