Breaking News

Tshwaragano e ntsha maduo

02 Sep 2015

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Flowertown mo Mahalapye Mme Boipelo Fane a re tshwaragano ya batsadi le barutabana e ntsha maduo a a nametsang.

Mme Fane o buile se kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se mo Mahalapye bosheng. Moletlo o o ne o tshegeditswe ka moono o o reng go fetola sekole go se dira se se dirang ka mowa wa phadisano e bile se dira dithuto tse di popota.

Moletlo o o ne o rulagantswe ke komiti ya batsadi le barutabana (PTA) ya sekole mme o ne o tshologetswe ke morafe wa motse go tla go kgothatsa bana fa ba amogela dimpho.

Sekole sa Flowertown  ke sone se di gogang kwa pele mo kgaolong ya Mahalapye ka palo ya bana ba ba dirang sentle mo dithutong le mo go tsa bodiragatsi.

Sekole se ntshitse dialogane di le masome a mabedi le bosupa mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ba ba gaisitseng ka matshwao a (A) ngwaga o o sa tswang go feta.

Mme Fane yo a reng o dumela fa bonatla jo jwa bana bo tswa  mo tshwaraganong e e leng teng  mo botsading le mo bodireding ja sekole, o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe le bodiredi ja sekole e le go rutuntsha dialogane tse di ka phadisanang le tsa mafatshe a a kwa ntle ga la Botswana le fa go ntse jalo o ne a rotloetsa setshaba go nna le mowa wa kutlwano le popagano a re se se ka aga tshaba e e popota ya Botswana.

A re bone e le bodiredi ja sekole  ba itlamile go dira ka natla a tlhalosa fa  dikgwetlho di tshwana le  tlhaelo ya matlwana a borutelo mo sekoleng seo di ka seke di phirimise ditoro tsa bone tsa go bona gore maduo ke a ba a batlang.

O ne a tlhalosa gore ba tlaa tswelela ka mokgwa wa bone wa tshwaragano go netefatsa gore maduo a a kgatlhisang  a ntse a a tswa mo dithutong mo metshamekong, mminong le bodiragatsi ja bana ba sekole seo.

O ne a gakolola baithuti gore ba ikgaphe  mo mekgweng e e sa eletsegeng jaaka go nwa majalwa le go dirisa diritibatsi mme ba nne tlhaga ka dinako tsotlhe.

Mme Fane o ile a akgolela  setlhopha sa sekole sa mmino wa Setswana go gapa maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa mmino wa setso Botswana ka bophara.

“Lore lo o jwa le sale metsi ke tshwanelo ya motsadi go ruta bana  tse tsothle  tse di  siameng gore ba gole ba itse seo,” ga bua mme Fane. Mogolwane wa benkele ya Ellerines mo Mahalapye, Rre Modise Tumelo o ile a opela mafoko a ga mogokgo legofi a thlalosa fa e le nnete setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.

Rre Tumelo a re tshwaragano, ga e felele fela mo dithutong gongwe le gogwe fa batho  ba ka nna le thswaragano mo go se ba se dirang  maduo a mantle aka bonala.

O kopile dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng sa Flowertown. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Keminne

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 02 Sep 2015