Masole a agetse motlhoki ntlo
02 Sep 2015
Dialogane tsa masole tsa monongwaga tsa maemo a a kwa tlase ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko fa ba ne ba rolela Rre Oatile Gobatwamang ntlo mo Metsimotlhabe.
Rre Gobatwamang yo go tlhalosiwang a ne a kile a direla sesole sa Botswana go fitlhela a tlogela tiro ka ntlha ya botsogo ka ngwaga wa 1991, a dule motlhoki ka lebaka lone le.
E rile fa a bua kwa moletlong oo, o o neng o tshologetswe thata ke ba sesole sa Botswana le batho ba motse, dipina le dikoma e le matsorotsoro, Kgosi Kgari wa boraro a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke masole.
O kaile fa sesole sa lefatshe leno se tsweletse ka go supa mowa wa bopelotlhomogi le go direla setshaba ka botswapelo, mme se se tlotlomadiwa ke go thusa ba ba kobodikhutshwane.
Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa mo malobeng go ne go sena mohumanegi kgotsa go ne go le thata go ka farologanya motlhoki le yo o itsholetseng ka gore morafe ka nako eo o ne o bopagane jaaka ngata ya dikgong.
Fa a fa sekai o tlhalositse fa melaletsa le mafisa e ne e le mekgwa e e siameng ya go rotloetsa tirisano mmogo le neelano mo bathong, ka jalo di ne di tsholetsa matshelo a ba ba kobodikhutshwane.
Godimo ga moo o lebogile thata banana ba masole ba ba agileng ntlo ga mmogo le ramasole yo a mo akgotseng thata ka a re o tshegeditse puo e e reng lore lo ojwa le sa le metsi.
A re tiro e ba sesole ba e dirileng e supa tota gore ga ba lebale setshaba se ba tswang mo go sone, e bile ba itlamile go tlhabolola matshelo a Batswana.
Le fa go ntse jalo kgosi o gateletse botlhokwa jwa go abela mongwe ka wena ka a re ga go tlhoke gore fa motho a aba go bo go tletse sesigo mme fela go tlhoka lerato le kutlwelobotlhoko ka gotwe bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie.
Erile a tswa la gagwe Colonel Leruri Dijeng, a tlhalosa fa e ne e le lantlha mo ditsong tsa sesole sa Botswana go thapiwa basadi mo sesoleng ba maemo a kwa tlase.
Mme o supile fa baithuti bao e ne ya re fa ikatiso ya bone e ntse e tsweletse ba supa fa ba batla go direla mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng mme ke ka fa ba kgonneng go aga ntlo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone. Ba kgonne go kokoanya madi a a fetang P90 000 go aga ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo, e e nang le metsi le bolao.
O kaile fa e se lantlha sesole se dira ditiro tsa mothale o. A re ko Kazungula baithuti ba mophato o mongwe ba reketse sekole se se botlana dikhompiutara di le lesome fa kwa Paje ba bangwe ba agile lefelo la boiketlo kgotsa fun park.
E rile a amogela mpho eo Rre Gobatwamang a tlhalosa fa a tletse ka boitumelo mme e bile a leboga Modimo ka se a se mo diretseng. A re o leboga ba sesole go menagane go bo ba gakologetswe gore le ene o kile a direla sesole ka mpho e e kalokalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : METSIMOTLHABE
Event : Kabo-ntlo
Date : 02 Sep 2015






