Bodiragatsi bo ka tshidisa
02 Sep 2015
Modulasitilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Ramasiagopana o kgothaditse banana ba motse wa Thamaga go dirisa ditalente tsa bone le go le aramela le sa tlhabile ka go dirisa dikgaisano di tshwana le tsa bodiragatsi tsa dikgaolo.
O buile jalo ka mafelo a beke jaaka a ne a amogela badiragatsi mo dikgaisanong tsa bodiragatsi tse di neng di tshwerwe mo Thamaga tsa kgaolo ya botlhophi ya Thamaga/Kumakwane.
Rre Ramasiagopana o ne a tlhalosa fa puso e ne ya tla ka lenaneo la go dira mofuta wa dikgaisano o, maikaelelo e le go ribolola talente ya banana e a tlhalositseng fa ba ka itshetsa ka yone.
O ne a tswelela a bua fa gape se e le tsela ya go supa fa go na le ditalente mo metseng e e kgakala le ditlamelo.
A re dikgaisano tse di ntsha banana mo mekgwatheng e bile di dira gore ba seka ba nna le dikakanyo tsa borukutlhi ga mmogo le gone go aga motho le go kopanya morafe.
O ne a kgothatsa badiragatsi go itsaya tsia, a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse fa ba lebilwe ke setshaba e bile gape e le bone baemedi ba metse ya bone. O ne a ba kgothatsa go se dirise nnotagi ka jaana e sa tsamaisanye le bodiragatsi mme e bile e ka ba senyetsa bokamoso.
E rile a a fa malebo, modulasetilo wa komiti ya bodiragatsi ya kgaolo eo, Rre Thatayaone Motlokwa a tlhalosa fa ba itemogetse fa bodiragatsi bo godile mo kgaolong ya bone mme e bile a rotloetsa badiragatsi go tswelela ba dira ka natla. O ne a gatelela gore badiragtsi ba itseye tsia gape ba dire tiro ya bone ka lorato.
O ne a tlhalosa fa matshwenyego fela a ba nang le one ke gore, bontsi jwa ditlhopha tse di diragatsang, ba santse ba tlhaela botsipa jwa boeteledipele mme e bile jaaka ba le komiti, ba tlaa tshwara thuto-seka dipuisano e e tlaa bong e diretswe baeteledipele ba di tlhopha ka go farologana.
O ne a tlhalosa fa se se le botlhokwa mo go godiseng bodiragatsi mo lefatsheng leno. Dikgaisano tse, di ne di tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; kgokgontsho ya borre, bomme le bana mo malwapeng. Maemo a ntlha mo dikatareng a ne a tsewa ke Sibongile Kgaila a salwa morago ke Moagi Metse.
Mo go tsa mmino wa Setswana, maemo a ntlha a ne a tsewa ke setlhopha sa Ba ga Mmanaana fa a bobedi a tserwe ke sa Kgobosereto. Mo go tsa poko, maemo a ntlha a ne a tsewa ke Boitshepo Goroma mme a bobedi a tsewa ke Tito Kopanang wa Kumakwane .BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : LETLHAKENG
Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi
Date : 02 Sep 2015






