Breaking News

Beng ba diterekere ba dumelane

02 Sep 2015

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o kopile beng ba diterekere go tlhama lekgotla le ba tlaa le dirisang go kopa dithuso mo mmusong le go itshimololela dikgwebo di tshwana koporase ya lookwane la dikoloi le thekiso ya didirisiwa tsa temo jaaka  megoma le dipolantara.

Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o buile jalo  kwa phuthegong e e neng e kopanetswe ke beng ba diterekere go buisana ka mogopolo wa go tlhama lekgotla la beng ba diterekere le go ipaakanyetsa letsema la ngwaga wa 2015/2016.

A re go maswabi gore e re mmuso o na le mananeo a beng ba diterekere ba ka a dirisang go reka lookwane le didirisiwa tsa temo, bangwe ba bo ba santse ba lela ka go tlhaela ga megoma le dipolantara e bile bangwe ba bone ba lopa balemi madi a peeletso go reka lookwane le mororo mmuso o duelela balemi madi otlhe a go lemelwa.

Mothusa tona o rile ke matlhabisa ditlhong go bona beng ba diterekere ba lela ka go tlhaelelwa ke dipolantara le megoma ntswa mmuso o ba duelela go lemela batho ngwaga le ngwaga ka lenaneo la ISPAAD

Modulasetilo wa lekgotla leo Rre Lesego Baruti o rile le ntswa maloko mangwe a sa tsene diphuthego tsa lekgotla, gone ba kgonne go kwadisa lekgotla leo le go dira molao-motheo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 02 Sep 2015