Breaking News

Ofisi ya bagodi e butswe kwa Palapye

02 Sep 2015

E rile bosheng, ofisi ya ga molaodi kwa Palapye ya rwala ditlhako go ya go araba matshwenyego le go tsaya megopolo ya bagodi ba Maunatlala mo kgaolong ya legare bosheng.

Mogolwane wa ofisi ya bagodi, Rre Thapelo Moje are ofisi ya bone e butswe kwa Palapye. Ka jalo e tla a ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go tsaya mosepele o moleele go latela dithuso kwa Gaborone kgotsa Francistown.

O kopile bagodi go ikopanya le ba poso mabapi le dikoloto tsa bone tsa 2013 go fitlha mo lebakeng la gompieno. O ne a tlhalosetsa bagodi gore e rile ka Moranang puso ya tsaya tshwetso ya go okeletsa bagodi madi ka P30 go tswa kwa go P300 go ya kwa go P330 .

Rre Moje a re madi a seshabo le one a okeditswe ka P30 go tswa mo go P120 go ya kwa go P150, fa a sesole o ne a okeditswe ka P60 go tswa kwa go P390 go nna P450.

O ne gape a gakolola bagodi gore ba ba tshotsweng ka 1950 ba ka ikopanya le poso e e gaufi le bone go ikwadisa ka dingwaga tsa bone di setse di lekane go amogela. O ba tlhaloseditse fa puso e tsere tshwetso ya gore bagodi ba boOmang ba bone ba sa supeng letsatsi le kgwedi ya matsalo ba tlaa lekana fela go tsaya madi a bagodi ka kgwedi ya Phalane a rogwa ngwaga le ngwaga. 

Ka jalo o ne a ba rotloetsa go ikwadisa Lwetse a ya fifing. O ne a tlhalosa fa ‘ke a tshela’ a dirwa ga bedi mo ngwageng; morago ga dikgwedi tse thataro e seng tse tharo jaaka go ne go dirwa pele.

O ne a ba tlhalosetsa fa a tlaa tla ka Sedimonthole go tla go ba ikanisetsa ‘ke a tshela’ e le sesupo sa gore bagodi ba ba amogelelwang ke bana kana masika ba sa ntse ba tshela.

Rre Moje o ne a ba tlhalosetsa fa batho ba ba amogelelwang ke bana kana masika e le bagodi ba ba sa kgoneng go tsamaya, ba-na-le bogole le ba-lwala tlhaloganyo.

Bagodi ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela mmaposo Mme Serwalo Nkomo ka go bo a ba thusa ka lerato le bopelotelele. Mogodi Mme Seosenyeng Kebonang o ne a supa fa a tshwenngwa ke ka fa bagodi ba tshwarang mela ka teng.

A re ba dirisa boOmang ka go ba tlhatlaganya ka go latelelana go ya ka fa ba gorogang mo posong ka teng. Mme Kebonang o ne a tlhalosa fa bangwe bagodi ba latsa boOmang ba bone kwa posong mme a re go borai ka ba felela ba latlhega kgotsa ba ka felela ba wetse mo diatleng tsa dirukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Batlhalefi Kenyaditswe

Location : Maunatlala

Event : Phuthego

Date : 02 Sep 2015