Ba kopanye go gakololana
01 Sep 2015
Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re dikgosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe le badirela puso ba tlamega go nna ba kopana go gakololana ka morafe o ba rumilweng go o direla le go isa ditlamelo kwa go one.
Mopalamente o buile jalo kwa phuthegong e e faphegileng a kopane le makhanselara go abelana megopolo ka fa ba ka thusang setshaba ka teng.Dr Venson-Moitoi, yo e bileng e le tona wa tsa mafatshe a sele, o gakolotse ka botlhokwa jwa go nna le bokopano jwa mohuta oo go tsibogela mathata le go ruta setshaba ka mosola wa ditirelo le mananeo a puso.
O ne a kopa maphata go tlhalosa ka bodiredi jwa maphata a bone le mathata a ba kopanang le one gore mo bokopanong joo ba ntshe ditharabololo go itsa diemo go bifela pele.
A re bodiredi joo fa bo kopanye ke jone bo rweleng botsamaisi jwa batho ba mafelo a bone e bile ke bone ba ka rarabololang mathata fa ba dira mmogo.Ba temo-thuo ba ne ba kopiwa go oketsa nako ya go kwadisa dipeo le tse di dirisiwang ka nako ya temo.
Moemedi wa lephata leo o ne a tlhalositse fa ba bulela ikwadiso ka Ferikgong mme ba tswale ka Seetebosigo. Phuthego eo e ne ya dumelana gore ka nako eo balemi ba a bo ba sa ntse ba le kwa masimo ba leta kgotsa ba photha.
Ba botsogo ba kopilwe go emisa mokgwa wa gore e re melemo e se yo mo kokelong e e rileng ba bo ba re molwetse ke ene a tsamaye le dikokelo a itshenkele melemo ka jaana ba bongaka ke bone ba tshwanetseng go leletsa kwa dikokokelong gore molwetse a tlhamalale kwa a tlaa fitlhelang melemo teng.Go ne go ntshitswe ngongorego ya gore baoki go lebega ba sa thuse balwetse fa go se na melemo mo kokelong, bogolo mo bagolong.Ba kaboditsha ba kgothaditswe go tsaya kgato ka matlotla a a tletseng mo kgaolong.
Go dumelanwe gore go rekisa ditsha go fedisiwe ka jaanong puso e tsere tshwetso gore yo o rekisang setsha ga a tle go abelwa se sengwe.Maphata ka go farologana a ne a ntsha mathata a one mme ga gakololanwa ka tharabololo le go tswelela pele ba direla setshaba go fokotsa dingongorego.
Mopalamente o ne a tlhagisa phuthego eo ka bosethogo jwa go gweba ka batho gore ke nako gore jaanong Batswana ba tsee kgato go babalela lefatshe la bone mo dihaweng tse di utlwalelwang mo mafatsheng a sele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 01 Sep 2015






