Breaking News

Batswana ba gakololwa go tlotla melemo ya setso

01 Sep 2015

Batswana ba ne ba gakololwa go tlotla le go dirisa melemo ya setso ka seo se ka tokafatsa botsogo ja bone, seo se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la baitseanape ba setso Bishop Molaodi Baitsile mo moletlong o go neng go ipelelwa beke ya melemo ya setso mo Aforika kwa Sefhophe.

Rre Baitsile a re, bongaka jwa setso bo theile lefatshe la Botswana mme seo se dirile gore go nne le kagiso le thitibalo. 

O ne a tswelela a re mo malobeng bongaka bo ne bo sa ata jaaka gompieno mme bo ne bo dirisiwa go godisa malapa le leruo mme puso e lemogile gore go mosola thata go tlotla bongaka jwa setso. 

O ne a tlhalosa gore go dirisana mmogo le ba bongaka ja sekgowa  go ka nna mosola fela thata mme go phutlhama ga seo go ka dirwa ke batho ka ba nyaditse setso mme bongaka bo bereka e bile bo ka tokafatsa botsogo.

O ne a gakolola batsaya karolo go emisa go tsisa masula mo go ba ba kopang thuso jaaka go ba jela madi kana go ba thubetsa ba re ba a ba thusa, selo se e leng gore ga se a siama e bile se diga seriti sa kalafi ya setso mme a ba kopa go itlotla le go tlotla neo ya bone.

Ngaka Haruna Jibril go tswa ko lephateng la botsogo a re Batswana ba na le dingwaga di le lesome le bobedi ba ipelela letsatsi mme seo ke kgatelopele ya puso mo go tlotleng ngwao ka kalafi ya bongaka jwa setso e se turu e bile bontsi ja batho ba ka e kgona.

O ne a tswelela a re tirisano ya ba bongaka ja sekgowa le jwa setso e thusitse fela thata mo go tsa botsogo mme se se dirile gore matlhakore oo mabedi a tle ka molao kakanyetso wa go laola bongaka ja setso le go dirisiwa ga melemo ya setso mme molao oo o tlaa tsena mo tirisong mo bogaufing.

O ne a kopa setshaba gore se nne le seabe mo dipatlisisong tse di dirwang ke ba bongaka jwa setso le ja sekgowa go tla ka maduo a a bonalang go leka go lwantshana le dikgwetlho tsa malwetse  a a amang batho gore seemo sa  botsogo se tokafale.

Mo potsolotsong ngaka ya setso Mme Lame Johannes go tswa Bobonong a re ke ngaka ya setso e e dumelang mo go berekisaneng ga mmogo le ba botsogo ka jaana a bereka le ba tlhokomelo balwetse mo malapeng le go ruta batho ka go itlhokomela ka go ikgapha. 

O ne a tlhalosa gore mo balwetseng ba a kopanang le bone fa a bona a ka se kgone go mo thusa o mo romela ko go ba bongaka ja sekgowa go fema go gatelelwa ga motho mo go ka bakang loso.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang le Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Moletlo wa ipelelo melemo ya setso

Date : 01 Sep 2015