Breaking News

Ba Lontone ba abela bana ditlhako

01 Sep 2015

Ba kereke ya UCCSA kwa Taung, ba abetse dikole di le lesome le bone mo kgaolong ya Borwa Botlhaba ditlhako.

E rile a bua ka maikaelelo  a bone moruti wa kereke eo Rev. Gabriel Tsuaneng a re ba ne ba tsaya tshwetso ya go rwesa bana ba ba senang ditlhako ditlhako, ka jaana ba itse botlhoko jwa go tsamaya ka lonao kwa sekoleng.

Reverend Tsuaneng o boletse fa tota ba dira thomo ya Modimo, ka gore Baebele e tlhalosa fa motho a tshwanetse go tshwenyega fa a bona moagisanyi wa gagwe  a tlhoka, mme ba seka ba natefelelwa ke go bona ba a ja ba latlhela mo ditankeng tsa matlakala fa baagisanyi ba bone ba lala ka tlala.

Moruti o tlhalositse fa pitso ya Modimo e raya gore ba rate ba ba sa ratiweng le gone go direla ba ba tlhokang. O boletse fa kereke ya Modimo e tshwanetse go tlhagola tsela e ba tshwanetseng go e tsamaya.

O boletse fa go ka nna molemo ka motlha wa bofelo go bona Morena a ba galaletsa gore ba mo diretse sentle, ka go ba bolelela gore o ne a tshwerwe ke tlala mme ba mo fa dijo, a sa apara ba mo apesa ba bo ba mo tlhola a le mo kgolegelong.

Rev.  Tsuaneng o boletse fa Modimo o tlotlile motho ka gore fa a direla yo mongwe o a bo a direla ene, a bo a kgothatsa phuthego gore ka motlha mongwe Morena o tla a ba leboga.

O supile fa maikaelelo a mangwe gape  e le go galaletsa Modimo ka tiro e, e seng gore bone ba ikgalaletse kana ba galaletse kereke ya bone.

O boletse gape fa maikaelelo e le go kopantsha botlhoki segolo jang mo dikoleng tse dipotlana le go tsibogela tebelopele ya setshaba ya ngwaga  wa 2016, wa tshaba e e lorato e bile e le kutlwelobotlhoko.

Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa Botlhaba Rre Moses Tshetlhana, o ne a tlhalosa fa botlhale jwa ntlha mo mothong e le go boifa Modimo, le  gone go diragatsa thomo ya gagwe.

O lebogetse dimpho tseo ka gonne di tswa mo botennyeng jwa dipelo tsa bone, a bo a leboga boeteledipele jwa kereke ya Lontone, ka go gakologelwa go direla ba bangwe e se ka ntlha ya gore ba humile, mme e le ka ntlha ya go dira thomo ya Modimo.

O supile fa ba diragaditse molao wa Modimo ka go rata ba bangwe jaaka ba ithata, a bo a supa fa go segofetse bao ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko ka jaana Modimo a tlaa ba utlwela botlhoko. Mopalamente wa Ramotswa Rre Samuel Rantuana, o ne a leboga kereke eo thata ka e na le batlhokakutlo mme le bone ba rutwa ka tsela e ba e tlhaloganyang, o ne a supa gape fa dikereke ka bontsi di ba ikgatholositse.

Mopalamente o supile fa keletso ya gagwe e le go bona motlhokakutlo mongwe e le moruti kana lepolotiki, a supa fa se se ka ba rotloetsa gore ba itse fa le bone ba ka kgona.

Mogolwane wa kereke ya UCCSA  Rre Mhama Bontshitswe, o ne a tlhalosa fa go ne go se bonolo go kgobokanya ditlhako tseo, a supa fa ka thata ya Modimo ba ne ba kgona. Rre Bontshitswe o tlhalositse fa ba se bantsi mo lekalaneng la kereke ya bone, mme ba kgonne go aga kereke le go dira ditiro tse dingwe tse dikgolo ba ntse ba le kalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Taung

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Sep 2015