Breaking News

Ba ga Mmanaana ba tlaa ipelela ngwao

01 Sep 2015

E tlaa re kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mane Bakgatla ba ga Mmanaana ba bo ba keteka moletlo wa dikgafela kwa kgotleng ya Moshupa. Mo potsolotsong le BOPA Kgosi Kwelagobe Mookodi o tlhalositse fa moletlo oo e le nngwe tsela ya go ipelela ngwao le go e tsosolosa ga mmogo le go lebogela Modimo paka e e fetileng ya thobo  le go mo kopa thobo e e nametsang mo nakong e e tlang.

Kgosi Mookodi a re ba gatetse pele ka dipaakanyo kwa makgotlaneng ka go farologana mme e re kwa morago botlhe ba tle go thusa kwa kgotleng ya kgosi. A re bomme ba setse ba tsweletse ka tiro ya go duba mmu go baakanya ntlo ya ditso e e tlaa bong e beile bojalwa jwa setso ka letsatsi leo.

Rre Mookodi a re moletlo oo o na le dingwaga di supa ba ntse ba o ipelela go simologa ka ngwaga wa 2009. 

A re ba laleditse baeng ka go farologana jaaka Bakgatla go tswa kwa lefatsheng la Namibia, 

Bakgatla ba lefurutshe go tswa kwa Disaneng kwa Afrika Borwa ga mmogo le Bakgatla ba Thamaga le Kanye ga mmogo le matona a puso ka go farologana le mongwe le mongwe fela yo o eletsang go tla go ipelela ngwao.

A re Dikgafela di tlaa tswa mo dikgotlaneng tse di lesome le bone tsa motse oo, di tla e le mabele pele. O tlhalositse fa go sala ditlatlana di le tharo go tswa mo kgotleng nngwe le nngwe, morago go dirwe bojalwa.

Kgosi Mookodi gape o supile fa go na le dijo tsa setso jaaka bogobe jwa lerotse,lengangale le tse dingwe fela jalo e le sone sekao sa ngwao. A re ba tlaa natefisa letsatsi leo ka mmino wa borankana, dikhwaere le poko ya setso. 

Rre Mookodi o tlhalositse fa moletlo oo go le gantsi o oka barata ngwao le gone go tswa kwa mafatsheng a sele mo e bileng ba tle ba tseye karolo mo ditiragalong dingwe tsa letsatsi.

Kgosi a re o lebogela gore banana ba motse le bone jaanong ba supa kgatlhego mo moletlong oo.A re ba setse ba supile ka dipalo tse di nametsang fa ba tlaa tsaya karolo mo ditiragalong tsa ngwao ka letsatsi leo.

O kopile morafe go apara diaparo dipe fela tse di supang ngwao. A re bomme, ba ka apara mateisi. E re go ntse jalo,kgosi o ikuetse gore moletlo oo o tlhokana le madi. Mme a leboga lephata la ngwao le bodiragatsi go bo le ba thusitse ka P50 000 go tsamaisa  ditiro tsa letsatsi leo.

O tlhalositse fa bontlha bongwe jwa madi ao bo tlaa dirisiwa go hirisa ditante, ditilo le tse dingwe. Gape o lebogile Bakgatla go bo ba ithaopile go ntsha diabe ka makgotla a bone gore letsatsi leo le atlege. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Moshupa

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2015