Breaking News

Temo thuo kgwebo

01 Sep 2015

Mogolwane mo ofising ya tlhabololo ya temo-thuo kwa Molepolole, Mme Lydia Dikura a re ofisi ya gagwe e rotloetsa balemi-barui go tsaya temo-thuo e le kgwebo go na le go jela mo ganong jaaka bontsi bo dira.

A re go tsaya temo-thuo e le kgwebo go ka ntsha balemi-barui ba le bantsi mo lehumeng.

O tsweletse ka go supa fa ofisi ya gagwe e thusa go ruta balemi-barui  ka dithuto tsa go itshenkela mmaraka ga mmogo le gone go kgaoganya le go kala thobo ya bone ka maemo a a lebaneng.

O kaile fa gape ba thusa balemi-barui ka go baya dibuka tsa kgwebo mo maemong a a siameng gore ba tle ba kgone go bona gore a go na le dipoelo kgotsa tatlhegelo, mme o kopile balemi-barui go senka kwa ba rekisang ditswa-temong tsa bone teng gore ba tle ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang.

Mme Dikura o supile fa ba thusa balemi-barui ka dithuto tsa temo ya merogo, thuo ya dinotshi, dikoko tsa mae ga mmogo le gone go ruwa dikgomo tsa nama le tsa mashi ka ebile lefatshe leno le tlhaelelwa ke mashi mo le a rekang kwa mafatsheng a a bapileng le lone.    

O kaile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo go lekeng go ruta balemi go fetolela temo-thuo mo kgwebong e le  gore balemi ga ba tlhokomele temo ya bone sentle, o tsweletse ka go supa fa balemi ba sa kgone go paka le go batlela dithoto tsa bone mmaraka sentle gore di tle di kgone go phadisanya sentle mo mmarakeng, mme a supa fa bontsi jwa balemi e santse e le ba seemo se se kwa tlase.     

O supile fa balemi ba santse ba saletse kwa morago mo go ikopanyeng go dira  dikoporase gore ba tle ba kgone go rekisa  dithoto tsa bone go le motlhofo go na le go dira ka bongwe  ka bongwe ka go ka ba turela go na le fa ba ba ikopantse.

E rile a tswa la kgothatso Mme Dikura a kopa balemi go kopa dithuso mo ofising ya bone ka e eme malala a laotswe go thusa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo go simololeng go tsena mo kgwebong ya temo-thuo. O bile a kopa botlhe ba ba setseng ba le mo kgwebong go dira ka natla gore ba tle ba bone maduo a a nametsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2015