BCA e ikabetse sekole sa Pilikwe
01 Sep 2015
Sekole sa ithutelo tsa temo-thuo (BCA) se sa tswa go ikabela sekole se sebotlana sa Pilikwe, seo e le go latedisa kgang ya lenaneo la thuto la Adopt A School.
Lenaneo le le tsile morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng, dikhamphani, mekgatlho le maphata a a kgonang go tsenya letsogo go thusa mo thutong e go supegang maduo a yone a wela tlase ngwaga le ngwaga.
Matshwenyego ao a ne a ntshediwa kwa ntle ka boikuelo ka 2012, morago ga dipuisanyo le ditshekatsheko tsa ba-na-le seabe mo tsamaisong ya thuto, mme bontsi bone jwa tsibogela boikuelo joo ka go tsaya karolo mo lenaneong leo.
Pilikwe ke sekole sa boraro BCA e se ikabela go nna motsadi, mo godimo ga bana le sekole sa Tsestseng mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le sa Boitumelo kwa Sebele. E rile a latlhela la gagwe, Dr Mataba Tapela a supa fa go godisediwa ga BCA go nna mmadikole go ya go tiisa ditiro le ditirelo tse ba ntseng ba di neela setshaba le bone baithuti.
A re jaanong ba ya go ntsha bommantswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo, le tsone dithuto tsa tlaleletsa ba ya go fa baithuti sebaka sa go di dira, abo a supa fa ba na le makalana kwa Sebele le kwa Lobatse.
O ne a ama ka tse ba di dirang, maikaelelo a gagwe e le go gwetlha banana ba ba neng ba le foo go tsaya tshwetso ka bokamoso jwa bone jwa go tlhoafalela dithuto, a re gape ba na le lekalana la tsa ditlhotlhomiso ka tsa lobopo le tse dingwe gammogo le pabalesego ya dipeo tsa ditlhare go itsa gore dingwe ditlhare di nyelele.
A re BCA e ya go neela baithuti ba Pilikwe bogakolodi ka tsa thuto, ka maikaelelo a gore le bone ka moso e bo e le bomankge ba dithuto. Thulaganyo e ya go pataganela thuto ya bana ba Pilikwe le beilwe monwana ngogola o fela. Le fa go ntse jalo o tlhalosa fa ba tswa kgakala le sekole seo ka ba ne ba ntse ba kopanela le bone malatsi a botsalo jwa Morena ngwaga le ngwaga go ba fa dimpho.
E ne ya re a wetsa, Dr Tapela a aba dikhomputara, go oketsa tse ba neng ba di abetse sekole seo mo dingwageng tse di fetileng, dibuka tsa bana le tsa barutabana, gammogo le dibolo tsa kgwele ya dinao, bolotloa, volley ball le matlowa a tsone. Kgosi wa pele wa Pilikwe, Rre Bokopano Koodibetse le ene o ne a supa fa botsalano joo bo ya go nonotsha dithuto tsa temo-thuo mo sekoleng sa Pilikwe, mme a kgothatsa batsadi le barutabana go tshwaragana le puso go tokafatsa maduo.
O ne a kgothatsa ba BCA a re maiteko a bone e nne a sennelaruri go ba tlhabololela bana, mme le ene o ne a ntsha P500 go thusa sekole ka tse se tlaa di tlhokang.
E rile a ntsha la gagwe, mogolwane wa tsa thuto, Mme Lydia Makgoma go tswa kwa kgaolwaneng potlana ya Mahalapye o ne a re lenaneo la Adopt A School le thusitse go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatshing leno ka le ne la tsibogelwa ke bontsi jwa ba-na-le seabe ka go farologana.
Mo mafokong a tebogo, boemong ja mothusa mokwaledi wa khansele wa potlana ya Mahalapye Mme Bosadi Matlapeng o ne a re kgaolwana potlana ya Mahalapye e na le bothata jwa go tlhaelelwe ka madi, a supa fa ba na le dikole di le 52, mme go le thata go di neela ditlamelo tse di lebanyeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Pilikwe
Event : Moletlo
Date : 01 Sep 2015






