Lenaneo la go itlhophela dikole le dira bontle
01 Sep 2015
Puso e leboga seabe sa dikompone tse di ikemetseng ka nosi le botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno .
Lenaneo la go itlhaopela go thusa sekole ke bangwe, dikompone le makalana a a ikemetseng ka nosi, le thusitse lephata la thuto thata ka go pataganela mokgweleo le ditshenyegelo tse lephata leo le lebaganeng le tsone mo kgodisong ya ngwana.
Mafoko a , a builwe ke mothusa tona wa thuto Rre Moiseraele Goya. O buile jalo kwa moletlong o o neng o diretswe go supa semmuso mokwaledi wa ga Tautona Rre Carter Morupisi jaaka moithaopi wa dikolo tse di mo kgaolwaneng ya dikolo ya MOLEMA o o neng o tshwaretswe kwa Malaka bosheng.
Kgaolwana e, e akaretsa Mokgalo JSS le dikole tse di potlana tse pedi e bong Lecheng le Malaka. Rre Goya o ne a supa fa mo nakong eno dikompone, batho ka bongwe le makalana a a ikemetseng ka nosi a ka tshwara 250 a setse a thusitse lephata la gagwe ka madi le ka didirisiwa tsa thuto tseo tsotlhe di lopile go feta P315 million mo nakong eno lefatshe leno lotlhe.
Rre Goya a re o ke one mowa wa boipelego o lefatshe leno le o rerang dinako tsotlhe gore o tsosolosiwe ka lefatshe leno le ne la kgona go fatlhoga ka tsamaiso eo ya boipelego, a re boithaopo le tirisano mmogo di ka isa lefatshe leno kwa pele mo go tsa thuto le tse dingwe fela tse di tlhokang gore setshaba se tsenye letsogo mo go tsone.
A re go tsosolosiwa ga mowa wa boipelego go tlhokana le go galalediwa mme a supa fa mo nakong eno go na le lenaneo la thuto le thutuntsho le le remeletseng mo matshegong a katamelano, boleng,,tekatekano le botshelo jo bo leele ja thuto ya bana.
A re go tokafatsa seo gape ba ne ba itebaganya le tshimolodiso ya dikole tsa bananyana go ba rutuntshetsa lokwalo lwa ntlha le a rileng dikole di feta 200 di setse di le simolotse lefatshe leno lotlhe.
O ne a re go tlhabolola thuto go tlhokana le madi a mantsi fela thata, moo go bo go tsenya kgatelelo mo lephateng la thuto bogolo jang ka nako ya kgaoganyo madi a setshaba.
Rre Goya o ne a akgola ba lefatshe la China go bo ba tshwaraganetse thuto le bone, ka dithuso tse di kwa godimo ka go duelela bana ba lefatshe leno go ya go ithuta kwa lefatshing la bone.
O ne gape a a kgola ba lelwapa loora Morupisi go bo ba bone go tshwanela go ikabela go tlhokomela sekole se se botlana sa Malaka, o ne a kopa dikompone tse dingwe go tsenya letsogo mo tirong eo.
Rre Goya o ne a leboga gape ba boranyane ba Huawi le boemedi jwa China mono go bo ba tsentse letsogo mo go tsa boranyane le mo thutong ya lefatshe leno ka bophara. BOPA
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MALAKA
Event : Moletlo wa boithaopo
Date : 01 Sep 2015






