Breaking News

Go tlhoka lefelo go kgoreletsa dikgwebo

01 Sep 2015

Mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao mo Bobonong Mme Keneilwe Mmusi a re banana ba bagwebi ba lebaganwe ke dikgwetlho mo dikgwebong tsa bone kwa kgaolong ya Bobonong le Mmadinare.

Fa a lekodisa khansele-potlana ya Bobirwa ka lenaneo le le tsweletseng la go tsaya dipalo tsa dikgwebo tsa banana le gore a di dira sentle, Mme Mmusi a re dingwe tsa dikgwetlho tse di phutlhamisang dikgwebo tsa banana ke go tlhoka lefelo le go direlwang teng gammogo le go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ke beng ba madirelo.

A re ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ke tsone di phutlhamisang dikgwebo tsa bana mme a rotloetsa batsadi go nna le thotloetso mo maitekong a banana.
Mme Mmusi a re dikgwebo tsa banana di lebaganwe ke phadisano e e mashetla bogolo jang mo madirelong a a itshetletseng a a sa batleng go reka dithuto tsa bone kana le bone ba gweba ka dithuto tse banana ba di dirang.

O supile fa se sengwe se se digang dikgwebo e le go tlhoka kitso le nonofo ya go tsamaisa kgwebo le banana bangwe ba ba phuaganyang dikgwebo mme ba ye ditoropong go batla ditiro.

A re go a tshwenya ka gore banana bangwe  ba ba thusitsweng ka lenaneo go dira dikgwebo ba sa duele sekoloto mme se se kgoreletsa bana ba bangwe go bona thuso ya dikadimo.

O tlhalositse fa bolwetse jwa tlhako le molomo le jone e le sekgoreletsi segolo ka leruo le le amegang le sa tswele kwa ntle ga kgaolo. Le fa go ntse jalo a re ofisi ya bone e thusitse banana ba le 220 ba le 129 ba tswa mo kgaolong ya botlhophi ya Bobonong fa ba le 99 e le ba Mmadinare.

Fa a tswa la gagwe,  mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Thatayaone Segona o supile matshwenyego gore batsadi kgotsa bagolo ga ba eme dikgwebo tsa banana nokeng, e bile ba bangwe ba tsietsa banana ka go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Rre Segona a re lenaneo le la banana le ka atlega fa bagolo ba ka le ema nokeng le go tsaya ngwana mongwe le mongwe jaaka wa gagwe. A re go a tshwenya go bo dikgwebo tsa banana di tlhoka fa di direlang teng mme se se dirwa ke gore dikgwebo tsa bana ga di bone lefatshe a re kgang e tshwanelwa ke go kopanelwa le ba kabo ditsha.

Mokhanselara Segona a re go tshwanetse ga beelwa fa thoko lefatshe le le tsentsweng ditlamelo di tshwana le metsi le motlakase kwa banana ba ka simololelang dikgwebo teng.

Mokhanselara wa Mmadinare borwa Rre Moses Seeletso e ne o ne a re dingwe tsa dikgwebo di a phutlhama ka banana ba sena kgatlhego fa ba bangwe ba fela pelo fa ba kopa thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 01 Sep 2015