Ipelegeng e tshidisa ba Kumakwane
01 Sep 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Kumakwane Rre Moreri Phia a re o itumelela maiteko a a dirwang ke puso go namola Batswana mo lehumeng.
E rile fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Phia a re le fa lenaneo la Ipelegeng e se tiro ya sennela ruri, le thusa ba le bantsi e bile le ntsha maduo a mantle mo motseng wa bone.
O ne a tlhalosa gore mo motseng wa bone, Ipelegeng e thapile batho ba le masome a roba bobedi le bone . E re le fa go ntse jalo, Rre Phia a re o tshwenngwa ke gore bontsi jwa babereki ba Ipelegeng ke banana ba a eletsang ba ne ba ka ithusa ka mananeo a mangwe a nyeletso lehuma ba tlogelela bagolo Ipelegeng.
O ne a tswelela ka go akgola lenaneo la Tirelo Sechaba a tlhalosa fa le thusa banana mo go ikgapheng mo dilong tse di sa nnang sentle jaaka bogodu le tse dingwe.
O ne a tlhalosa fa a kgatlhwa ke go bona banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ka bokgabane le botswa pelo. Rre Phia o ne a bua gore, banana ba motse wa Kumakwane ga ba dirise mananeo ka fa go kgotsofatsang ka teng ka jaana bontsi ja bone ba sa a tsaya.
O ne a kgothatsa banana ba ba santseng ba le ka fa tlase ga dingwgaa tse di masome mabedi le botlhano go inaakanya le go tsena sekole go betla bokamoso jwa bone. O tlhalositse fa banana ka bontsi ba nna fela mo malwapeng mme bontsi jwa bone ba rutegile.
O tlhalositse fa banana ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go ka fetola matshelo a bone ka go dirisa sebaka se puso e se ba fileng go ka dirisa mananeo. O tlhalositse fa boitseme e le jone bo bolayang banana ka bontsi mme a kopa banana go ya go ithutela ditiro tsa diatla jaaka go lema merogo gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe mebereko. BOPA
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 01 Sep 2015






