BIRRO e boloditse letsholo kwa Thamaga
31 Aug 2015
Mokgatlho o o rutang batho ka ga dikgolegelo, magolegwa le badiri ba dikgolegelo wa Botswana Institute of Rehabilitation and Reintergration of Offenders (BIRRO) o boloditse letsholo ka go ruta batsadi le bana ba dikolo ka go ikgapha mo borukutlhing le nnotagi.
E rile fa a bua mo potsolotsong, modulasitilo wa mokgatlho o o Rre Mothei Sejakgomo o tlhalositse fa ba le mo letsholong mo Thamaga go tla go ruta le go tsibosa batho ka bodiphatsa jwa go inaakanya le borukutlhi ga mmogo le nnotagi.
Rre Sejakgomo o tlhalositse fa ba simolotse letsholo le la bone go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi, mme a re maikaelelo a bone ke go wetsa kgwedi eno e ya fifing. O tlhalositse fa ba ikaeletse go buisa diphuthego tsa dikgotla di supa le go buisa bana ba dikole di le supa mo Thamaga.
O ne a tlhalosa fa ba gwetlhilwe ke dikgang tsa botlhoka tsebe tse di neng di apere motse o o mo dikgweding tse di fetileng, mme a re ba buisa diphuthego tse ba na le magolegwa le badira melato ba ba sa ntseng ba emetse katlholo ga mmogo le baithaopi le banana ba motse oo. O ne a tlhalosa fa bangwe ba diopedi tsa mono ba ba eme nokeng.
O tlhalositse fa ba tla a bo ba ruta batsadi ka ditselana tsa go lemoga ngwana fa a tswa mo tseleng kgotsa a dirisa nnotagi ka jaana ba lemogile gore bangwe batsadi ga ba itse maitsholo a bana ba bone.
A re go tlhoka go tlhaloganya bana go dira gore go nne thata gore motsadi a dumele fa a begelwa gore ngwana wa gagwe o tlhoka tsebe kwa sekolong. O ne a tlhalosa fa tshwaragano ya batsadi le barutabana e le botlhokwa fela thata e bile e le yone tsela e e ka dirisiwang go tila kgotsa go fokotsa botlhoka tsebe.
O ne a rotloetsa batsadi go nna ba etela kwa dikoleng tsa bana ba bone go ba lekola le go itse gore a ba itshwara sentle kgotsa jang. A re se ke yone tsela fela e e ka thusang motsadi go itse ngwana wa gagwe sentle.
O tlhalositse fa nnotagi e le yone tshosoerweleng fa go tla ka fa botlhoka tsebeng jwa banana e bile nnotagi e, e tsala borukutlhi ka jaana e felela e tshwakgola banana mme ba tlelwe ke mokgwa wa go anapa batho go senka madi a goe reka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2015






