Breaking News

Seelo sa ditirelo se tlaa kalwa

01 Sep 2015

Mothusa tona mo ofising ya merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele a re puso e tlaa simolodisa lenaneo le ka lone e tlaa kalang seelo sa ditirelo tse di amang mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma  go bona gore a  di a diragadiwa le gone gore a di goroga sentle kwa setshabeng.

Thulaganyo eo, e ka sekgoa e bidiwang Village Score Card, e tlaa simolodisiwa mo metseng morago ga gore puso e lemoge fa mananeo a saletse kwa morago, segolo jang mo dikgaolong. Mothusa tona o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Lephephe bosheng.  

Le fa setshaba se ngongoregela go tlhoka go thusiwa sentle, mothusa tona o akgotse tiro e ntle e e dirwang ke badirelapuso, a kaya fa go le gantsi ba berekela mo mabakeng a a thata jaaka letlhoko la boroko le tsone dituelo tse di kwa tlase.

A re puso e itlamile go tokafatsa diemo tse bodiredi bo direlang mo go tsone. Rre Makgalemele o kopile morafe gore go nne le tirisanyo mmogo magareng ga one le bodiredi.  

A re puso e dirile ditsela di le mmalwa go tokafatsa ka fa setshaba se bonang ditirelo ka teng. Nngwe ya ditsela tseo ke dikopelo tse di supang maina a badiri. 

Se ke tsela nngwe e e ka thusang ba ba fiwang ditirelo go itse gore ba ne ba thusiwa ke bomang le gore fa ba sa kgotsofalela ka fa ba thusitsweng ka teng go nne motlhofo go ka fetisetsa dingongora tsa bone kwa pele. Mo godimo ga moo, Rre Makgalemele a re puso e ikaeletse go fedisa lehuma ngwaga o o tlang ka Moranang mme e dira gotlhe mo e ka go kgonang go diragatsa seo.  

A re le ntswa puso e itse ka madiadia a a aparetseng lenaneo la nyeletso lehuma, a re ba itlamile go fokotsa melala eo mo nakong e e sa fediseng pelo gore batho ba kgone go thusiwa.  

Godimo ga moo, o bile a sedimosa gore puso e beile ba-na-le bogole kwa pele mo goreng le bone ba akole mananeo a puso. A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go botsolotswa mo go tseneletseng gore ba fiwe mananeo.  

O tladitse ka gore batsadi ba ba tlhokomelang ba-na-le-bogole ba na le tshwanelo ya go thusiwa ka mananeo a nyeletso lehuma ka gore ga ba kgone go itirela sepe fa ba tlhokomela batho ba go nna jalo.

A re mananeo a tshwana le a go agela batlhoki, ga a a tshwanela gore e nne mokgweleo wa puso e le nosi.  Ke ka moo a kgothaditseng morafe go tla ka methale e mengwe e ba ka e dirisang go tsenya letsogo mo go nyeletseng lehuma mo metseng ya bone le go thusa bangwe ka bone ba ba dikobo dikhutshwane.

Mothusa tona o ne a nankola dingwe ditsela tse morafe o ka lwantshang lehuma ka tsone. O file sekai sa go re ba ka ipopa ditlhopha mme ba kwadisiwe ka fa tlase ga lenaneo la dikoporase fa ba batla go dira dikgwebo. A re go dira jaana ba ka iphira ba le bantsi.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goabaone Basimolodi, a re ba lebogela lenaneo la Ipelegeng ka ba kgonne dilo dingwe ka lone. A re ga ba wele mo isong  fa e sa le lenaneo leo le simologa ka ba kgonne go ipulela madirelo a ditena ka Ipelegeng.  

O tladitse ka go re ba ikaelela go aga ntlo ya mabeelo e e nang le ofisi. A re sebe sa phiri ke gore badiri ba Ipelegeng ba a tlhaela mme a kopa go okelediwa dipalo tsa badiri.

E re dikgang di eme jalo, bangwe banni ba leletse mo go mothusa tona gore moepo wa Ghaghoo ga o ba solegele molemo ka o paletswe ke go ba tlhamela ditiro jaaka ba ne ba solofeditswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Lephephe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2015