Breaking News

Bojale bo alogile ko gaMalete

31 Aug 2015

Balete ba ne ba tshwere letsatsi la ngwao ka setlhogo se se reng, Ngwana wa kgomo ithute molodi, o gopole kamoso malata a ile. E rile a amogela baeng mothusa Kgosi ya Balete Kgosi Tsimane Mokgosi, a supa fa setlhogo se se raya gore go botlhokwa go ithuta se se ka tsogang se go tswela molemo.

O supile fa go baakanyetsa tiro e e ntseng jaana go se motlhofo, segolo jang ka e ne e pataganye le kaloso ya bojale.

Kgosi o supile fa seane se se reng matlo go sha mabapi se bereka, ka jaana go ne go sena letlhaka mo kgaolong ya gaMalete, mme ba ya go le bona kwa kgaolong ya Borolong. Kgosi kgolo Mosadi wa Balete o ne a tlhalosa fa letsatsi le e le la go alosa mophato wa bomme wa Madisamotse, ka jaana wa borre  o dikile o alogile.

Kgosi Mosadi o tlhalositse fa  ba nnile le  kgwetlho ya go tlhoka letlhaka, mo ba neng ba sa solofela go le bona gope ka go dikile go le leuba, mme ka lesego ba ne ba le bona kwa go  Rre Nonofo Motlhabani go tswa kgaolong ya Borolong.

O tlhalositse fa moeteledipele wa mophato o, e  le mme Tuduetso Mokgosi, yo a supileng fa le ene e le wa ntlo ya  bogosi. O tlhalositse fa puso e ba kopile go tsaya karolo mo boipusong jwa lefatshe leno jwa ngwaga e e tlang, fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga  tse di masome a matlhano.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mosadi o kopile dikereke tse di sotlang ngwao ya Setswana di e bitsa maina a a bosula go tlogela go dira jalo, a supa fa ngwao e le go aga motho yo o siameng, a bo  a kopa dikereke go tshwaragana go aga setshaba. 

O akgotse kereke ya Roma e e tlaa bong e ipelela dingwaga tse di masome a robabobedi monongwaga, a supa fa e amogetswe ke Kgosi Seboko mo kgaolong e ka ngwaga wa 1935.

Mohumagadi wa Bakgatla ba ga Kgafela Mme Kathleen Kgafela, o ne a akgola mophato wa Madisamotse o o sa tswang go aloga, a supa fa tiro e tona ya mophato e le go tsibogela pitso fa kgosi a bitsa, go ithaopa ba sa solofele tuelo, go phepafatsa motse le gone go fedisa modumo o o sa tlhokafaleng mo motseng.

O tlhalositse fa go dira tiro ya morafe ka mowa o le mongwefela go le monate, a bo a ba kopa gore ba tlotle le bone bao ba bannye mo go bone. O ba kopile gape gore ba rerisane mo malwapeng a bone le go a tlotla, a bo a ba lemotsha fa go sa tlhokafale gore e re ba tswa mophatong ba ne ba bonwa ba tletsetletse mo ditseleng, ka motho wa go nna jalo e le yo o maaka.

Mohumagadi Kgafela o tlhalositse gape fa mophato o aga motse, a supa gore fa kgosi e na le tebelopele ka morafe wa yone, mophato e le one o e dirisang. Mo godimo ga moo, o ba kopile go godisa bana ba bone ka mokgwa o o siameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Bojale

Date : 31 Aug 2015