Ba rotloediwa go ipaakanyetsa letsema
31 Aug 2015
Balemi ba Thamaga ba kgothaditswe go ipaakanyetsa letsema gore thobo e tle e nne ntsi. E rile fa a buisa phuthego ya kgotla ka bosheng molemisi mo motseng oo, Rre Poloko Osenotse a kgothatsa balemi go ya go baakanya masimo a bone ka go a epa disana le go thuba diolo tse a tlhalositseng fa di kgoreletsa kgolo ya dijalo.
O ne a rotloetsa beng ba diterekere go ya go di baakanya go tlhomamisa gore di tlaa dira tiro ka matsetseleko mme a gakolola balemi go agelela masimo ka jaana ba ba sa agelelang ba tlaa seke ba lemelwe. A re masimo a a sa agelelwang a tsisa kgotlhang mo bathong fa dijalo di jewa ke leruo.
Rre Osenotse o ne a tswelela a kopa balemi go ikwadisetsa temo le dipeo ga mmogo le beng ba diterekere go sa le nako. O ne a tswelela a gatelela gore balemi ba tle go fa pego ya thobo ya bone le fa ba sa roba sepe tota ka jaana se se thusa ofisi go isa dipego tsa gore balemi ba thusitswe jang.
O ne a tswelela a gakolola balemi go tsaya temo ya bone ka tlhwaafalo le go supa lorato le maikarabelo ka go tlhokomela dijalo. A re go na le balemi bangwe ba ba tlogelang masimo a bone ba tla go nna mo magaeng, mme a re balemi ba go nna jalo ba tlaa seegelwa fa thoko ba sa thusiwe go fitlhelela ba ithuta go nna le maikarabelo.
O ne a tlhalosa fa menontshane ya sekgoa e tshelwa fa fatshe ka go e gasa go ka dira gore dijalo di seka tsa e tsaya sentle. O ne a gatelela gore go jwala ka go gasa ga go sa tlhole go letlelelwa mme e bile ope yo o lemileng jalo ga a na go duelwa. A re go lema ka ditselana ke yone fela tsela ya go lema e balemi ba rotloediwang go e dirisa.
O ne a tlhalosa gore mo nakong e e tlang, ba tlaa bo ba ruta balemi ga mmogo le batho ka kakaretso jaaka diolo di thubiwa mme a kopa balemi go tla go itseela botsipa. O ne a tlhalosa fa diolo di tshwenya fela thata mo masimomg e bile di e ja dijalo. O ne a gatelela gore ga ba rotloetse balemi go dirisa dichefi go bolaya diolo ka jaana chefi e le borai fela thata mo matshelong a batho.
O ne a tswelela a tlhalosa fa ba tlaa dira dithuto tsa beng ba diterekere go ba ruta jaaka go lemiwa le go ba supegetsa ka fa go thubiwang mangwete le go dira gore mmu o lekalekane ka teng. O ne a tlhalosa fa ba itemogetse fa beng ba diterekere bangwe ba sa lemele batho sentle mme se se tsise thobo e e ko tlase fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Aug 2015






