Breaking News

Tirelo sechaba e tshetsa banana

31 Aug 2015

Banana ba Dikgatlhong mo kgaolong potlana ya Lentsweletau itumeletse lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaana le ba tshetsa e bile go sa tshwane le go nna fela mo lwapeng. 

Ba buile jalo fa ba ne ba itekodisa mopalamente wa kgaolo eo, e bile e le tona wa tsa papadi le madirelo, Rre Vincent Seretse mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Mme Uakuatua Muniazo, o tlhalositse fa a feditse kwa mmadikole mme ka ntlha ya letlhoko la ditiro o ne a bona go le botoka go ya Tirelo Sechaba.

O ne a tlhalosa gore le fa a sa dire tiro e a e ithutetseng kwa sekoleng, se a se itumelelang ke gore go na le madi a a a bonang kgwedi e fela. O ne a tlhalosa fa lenaneo le le mo thusa go ithekela dilo tsa botlhokwa di akaretsa melora.

Monana yo mongwe, Mme Lucia Toromba, o tlhalositse fa lenaneo le le thusa go mo itsa go nna ka diatla mme se se mo thuse go ikgapha mo dilong tse di sa siamang di akaretsa botlhoka tsebe. 

Banana ba ne ba rotloetsa ba bangwe go boa kwa ditoropong go tla magaeng go dirisa mananeo a ka jaana letlhoko la ditiro kwa ditoropong le le kwa godimo mo go felelang go pateletsa banana go tsena mo ditirong tsa borukutlhi. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Aug 2015