Matagase o phophoma ka boitumelo
31 Aug 2015
Morafe wa Matagase mo kgaolong ya Kweneng o akgoletse puso go bo e tlhomamisitse lefelo la bone go nna motse o jaanong o ka akolang ditlamelo jaaka metse e mengwe mo Botswana.
E rile mo potsolotsong bosheng, ba Matagase ba supa fa ba ne ba sokola ka jaana ba ne ba tshelela mo lobelong le go iphitlha, ba bua gore ba molao ba ne ba supa fa ba ipeile mo lefelong leo e bile go sa letlelesege gore ba ka nna foo.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba supa boitumelo, ba tlhalosa gore e rile kgwedi eno e tlhola malatsi a supa motse wa bone wa tlhomamisiwa ba bo ba bewa ditsha ka fa molaong ke lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, jaanong ba emetse ditlankana.
“Ntwa e, e ne e le thata e le bokete ka jaana re ne re sa bewa sentle ka fa semolaong, mme rona tota go se na kwa re neng re ka ya teng,” ga bua jalo Mme Kebuwa Saborole.
Mme Saborole a re ba na le dingwaga di feta masome a marataro ba ntse ba nna mo motseng oo. O tlhalositse fa a le dingwaga tse di fetang masome a matlhano le botlhano e bile ene ka sebele a tsholetswe a bo a golela mo motseng oo, a tlatsa ka go re le bana ba gagwe o ba tshotse ba bo ba golela mo go one motse o.
Mme Saborole a re ka jaana go ne go se na ditsha tsa mabitla, bana ba gagwe le batsadi ba gagwe ba fitlhetswe gone mo setsheng se a se neetsweng.
O ne a supa jalo ntlheng ya bophirima fa go sa agwang sepe a kaya fa e le gone fa bangwe ba masika ba neng ba fitlhwa teng. Mme Saborole, yo o neng a supa fa ba le mo boitumelong jo bo boitshegang, a re se se monate ke gore e rile fa ba itlhobogileng teng puso ya ba baya ditsha.
Le fa go ntse jalo, o kopile gore e re puso e simolola go tsisa ditlamelo ba simolole ka metsi ka jaana ke one konokono ya botshelo, a supa gore ba kgona go nna malatsi a mabedi ba sa bone le fa e le nono ya motsoko. A re e re ntswa go na le didiba tsa beng mo motseng, ba tlamega go reka metsi ao mme go a ba turela.
O ne a supa fa ba le mo boitumelong jo bogolo e bile ba akgola mopalamente wa kgaolo le mokhanselara ka jaana a dumela gore ba na le seabe se segolo mo go beweng ga bone. Rre Samuel Jack a re ene o itumelela go bewa ka jaana ba tsile go dirisa maele a bone a botshelo go itshetsa.
Rre Jack o tlhalositse fa e ne e le mogwebi a tswa go tsaya maele ao kwa toropong mme maikaelelo e le go a dirisa mo gae ka jaana dikgwebo di le boutsana e bile batho ba bolawa ke go tsamaya sekgala ba ya go reka kwa Letlhakeng le kwa Molepolole. O ne a supa fa maikaelelo a gagwe e le go tsaya mananeo a puso go tlhabolola kgwebo ya gagwe, a tlhalosa gore o tlamela masika a gagwe ka yone.
O ne a tlhalosa fa a batla go atolosa kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa fa thoko ga tsela ka jaana banni ba motse ba tlhoka go reka dilo tse dintsi di tshwana le dinotsididi le merogo. O ne a rotloetsa banana go ititaya ka thupana go fefogela go itshimololela dikgwebo mo motseng, a tlatsa ka go re go ka ba solegela molemo fa puso e ka ba thusa ka motlakase le metsi, segolo jang ka a rotloetsa banana go itirela ka diatla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2015






