Breaking News

Botsogo bo a berekelwa

31 Aug 2015

Bodiredi jo bo itekanetseng bo bereka ka botswerere le ka  natla kwa bofelong bo ntshe maduo a a nametsang. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise go tswa kwa sekoleng sa mapodise, Senior Superintendent Boitshwarelo Ramahobo, kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke badiri ba botsogo ba kagolo ya Borwa Botlhaba bosheng.

Senior Superintendent Ramahobo o tlhalositse fa botsogo jo bo itekanetseng bo sa tle fela ka motho a tshwanetse go bo berekela.

O  tlhalositse fa modiri wa botsogo yo o sa itekanelang a tshabelelwa ke go tlala  tshakgalo, mme balwetse bone ba tla ka ditlhabi ba solofela go thusiwa ka lorato le ka bopelotelele.

Senior Superintendent Ramahobo o supile fa botsogo jo bo itekanetseng e le jwa mmele, tlhaloganyo le one  madi, mme go le botlhokwa gore batho ba itshidile mmele, ba robale lobaka lo lo tshwanetseng, ba je sentle  le gone go nwa metsi  a a phepa a selekanyo se se tlhokegang.

O kgaletse batho ba botsogo go ruta batho ka botsogo jo bo siameng, mme bone ba sa dire se ba se rutang. O tlhalositse  gape gore fa motho a bereka mme a se na madi, o na le go gatelelwa ke maikutlo, ka jalo a tlale  tshakgalo.

Senior Superintendent Ramahobo o boletse gape gore motho yo o berekang a se na madi, o tshabelelwa ke go ngwega mo tirong, mme se se dire gore maduo a wele tlase.

O boletse gape gore modiri yo o itekanetseng a kgona go lemoga ba bangwe, mme se se dire gore go nne le kutlwano mo tirong, fa kutlwano yone e tsisa lorato mme  lorato lo tsise kagiso e e tsisang maduo kwa bofelong. O kopile badiri bao go nonotsha botsogo jwa bone ka tumelo, a supa fa tumelo le yone e tsisa botsogo jo bontle jwa mowa.

E rile a a fa malebo, Mme Mosarwa a kopa baoki gore ba seka ba isa bolwetse jwa bone kwa balwetseng, a bo a ba kopa go thusa balwetse ka monyenyo ka dinako tsotlhe, ka jaana monyenyo wa bone o raya go le gontsi mo balwetseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Tsatsi la botsogo

Date : 31 Aug 2015