Breaking News

Tumalano e thibela tsietso kwa tirong

31 Aug 2015

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Lentsweletau-Molepolole Mme Ikgopolelng Lekoape a re babereki ba tshwanetse go tsena mo tumalanong ya mokwalo le bahiri ba bone pele fa ba simolola tiro.

E rile a araba makhanselara mo phuthegong ya khansele beke e e fetileng, Mme Lekoape a re go sa direng tumalano ya mokwalo go felela go baya babereki ka fa mosing,  e bile go baya ba ofisi ya pereko mo dipharagobeng fa go tla gore ba thuse go rarabolola motlhang mohiri le mohiriwa ba nnang le kgotlhang.

Mme Lekoape a re fa bobedi jo bo nnile le ditumalano ka mokwalo go nna motlhofo go thusiwa kwa diofising tsa pereko a tlhalosa gore le fa ditsamaiso tsa teng di kgona go tsaya lobaka mme fela phelelong motho o bona thuso. O ne a fa sekai sa gore fa kompone e jelwe, go na le ditsamaiso tse di salwang morago pele ga go ka rekisiwa didirisiwa go duela babereki mme a re tsamaiso e e nna dingalo fa go sena tumalano ya mokwalo magareng ga mohiri le mmereki.

Mo go tse dingwe Mme Lekoape o ne a tlhalosa fa go sena phimolo dikeledi go tswa mo pusong fa batho ba senyeditswe ke diruiwa ka jaana di na le beng ba tsone ba ba tshwanetseng go di tlhokomela. Mme Lekoape o ne a araba morago ga gore makhanselara a supe matshwenyego ka fa dikompone tse di ikemetseng ka nosi di tsayang badiri ba tsone ka teng. 

Ba ne gape ba supa fa babereki bao ba berekela mo diemong tse di sa sireletsegang. Makhanselara gape a ne a tshwenyegile ka tshenyo e e dirwang ke diruiwa a re ba ba senyeditsweng ba tshwanetse go phimolwa dikeledi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 31 Aug 2015