Go lemela leruo go thusa mo leubeng
31 Aug 2015
Mogolwane mo ofising ya tsadiso le tlhabololo leruo kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng o kopile balemi go lemela leruo dijo ka nako ya leuba.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Rre Bobby Ramotho a re nawa ya lab lab ke nngwe ya dijo tse di ka thusang leruo go itshwarelela mo nakong ya leuba.
O kaile fa leruo le tshwana le dikgomo le dihutshane di ka jesiwa lab lab bogolo jang fa di dusa go itsa go tsamaya mosepele o moleele go latela phulo. O tlhalositse fa lab lab e kgona go oketsa legamo mo 'kgomong tsa mashi ga mmogo le gone go fokotsa go harelwa ka e na le dikotla tse di tlhokwang ke mmele wa seruiwa.
O supile fa dipoo le tsone di siametswe ke nawa e ka gore ga di tsamaye thata mme di ka kgona go gata tse dinamagadi di na le maatla.
Rre Ramotho o kaile fa lab lab e tlhokega thata mo lefatsheng leno e bile ba rotloetsa balemi go e lema ka bontsi ka molemi a ka kgona go e rekisa fa a sena leruo mme a ka intsha mo lehumeng ga mmogo le go tlhamela ba bangwe mebereko.
O tlhalositse fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo temong ya lab lab e le go tlhoka go supa kgatlhego ga barui, e bile a re le ba ba e lemang ba sa e tlhokomele.
A re e tshabelelwa ke diji di tshwana ditsiakgope le diboko ga mmogo le mhero wa matebele. Rre Ramotho a re nawa e e tlhoka tlhokomelo le fa e sena go robiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2015






