Kelelelo e ka boloka matshelo
31 Aug 2015
Mookamela mapodise a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa Superintendent Mompoloki Ramatsia o gakolotse a bo a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng ya Tsabong–Kokotsha bogolo jang fa go le bosigo ka loruo gantsi lo gobea mo go yone.
Kgakololo eo e ntshitswe mo potsolosong le BOPA morago ga tiragalo e mo go yone monna mongwe a latlhegetsweng ke botshelo fa koloi e a neng a e kgweetsa e pitikologa mo tseleng eo.
Superintendent Ramatsia o ne a tlhalosa fa tiraglo eo e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bone ka nako ya bobedi mo maphakeleng.
O kaile fa koloi eo ya modiro ya BMW e e neng e pegile batho ba le bararo go balelwa le mokgweetsi e ne ya tswa mo taolong ya mokgweetsi wa yone morago ga go thula kgomo mme ya pitikologa gaufi le motse wa Phepheng mo Kgalagadi Borwa.
Mookamela mapodise o supile fa e ne ya re morago ga tiragalo eo banna bao ba ragosediwa kwa sepateleng sa Tsabong ka dikgobalo tse di masisi kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a le mongwe mo go bone ka go tlhoka lesego a setse a tlhokafetse fa ba babedi ba ne ba feta ba fetisediwa kwa sepateleng sa Marina kwa Gaborone go ya go alafelwa dikgobalo tse di masisi.
Superintendent Ramatsia o tlhomamisitse fa mo nakong ya gompieno serepa sa moswi se sa ntse se le mo setsidifatsing sa sepatela sa Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme ba masika ba setse ba itsisitswe fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di santse di tsweletse.
Superintendent Ramatsia o kaile fa banna bao ba ba dingwaga tse di magareng ga dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa go ya kwa go tse di masome a mararo le bosupa ba ba tlholegang kwa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng ba ne ba le mo mosepeleng go ya Tsabong ka nako ya fa ba tlhagelwa ke kotsi eo.
Mookamela mapodise o ne a gakolola setshaba bogolo jang bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lobelo lo lo letlelesegang le gone go tsamaya go sa ntse go bonala mo tseleng eo ka e le tshesane e bile e sa agelelwa.
Mo go tse dingwe Superintendent Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodise a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone morutabana mongwe mo sekoleng sengwe yo o dingwaga tse di masome a mararo le boraro go belaesegang a tlhakanetse dikobo le moithuti mongwe yo o kwa tlase ga dingwaga.
Superintendent Ramatsia o supile fa tiraglo eo e diragetse bosheng mme ditlhotlhomiso tsa mapodise le tsa bongaka di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2015






