Breaking News

Ba re ditirelo di tokafadiwe

30 Aug 2015

Mokhanselara wa kgaololwana ya MASEGO ebong metse ya Mabolwe, Semolale le Gobojango mo kgaolong ya Bobirwa o ntshitse matshwenyego ka seemo se se sa nnang sentle sa matlo a baoki kwa kgaolong eo.

Fa a bua kwa phuthegong ya khansele eo ka Laboraro, Rre Manuel Marole a re matlo a baoki kwa motseng wa Mabolwe ga a na motlakase mo a pateleditseng badiri bao go hirisa bonno mo motseng. Rre Marole a re go na le  matlo mangwe a a saleng a goketswe motlakase mme ga a tshube ntswa go na le motlakase mo motseng oo.

Mokhanselara Marole o ledile gape ka letlhoko la koloi e e thusang dikokelwana tsa metse e meraro eo a re e na le lebaka le le leele e ntse e seyo e ile go baakanngwa.

A re se se utlwisang botlhoko ke gore koloi eo e ne ya swela mo tseleng e tswa go baakangwa kwa Francistown mme a kopa boeteledipele ja botsogo mo Bobirwa go tsibogogela seemo ka se baya setshaba sa kgaolwana eo ka fa mosing.  

Mokhanselara o tshwenyegile gape ka tlhaelo ya boroko e e aparetseng kgaolo eo a supa fa sekole se segolwane sa Gobojango se aperwe ke tlhaelo ya boroko ja barutabana mo ba felelang ba pitlagana mo matlong a bone. A re se se a tshwenya ka bodiredi bo sa nne sentle. 

Fa a bua ka  matlo a baithuti ba nnang teng a re le one ga a nna sentle ka jalo a tlhoka go tlhabololwa gammogo le kwa matlwaneng a ba tlhapelang kwa go one a sa ba siamela. Fa a tsibogela matshwenyo a botsogo moeteledipele wa botsogo mo Bobirwa Dr Jackson Kaguamba a re ba tshwenngwa ke gore beng ba mafelo a a baakanyang dikoloi tsa puso ba ba ikemetseng ka nosi ba dira sogwasogwane  fela a re seo ke go gopela itsholelo.

A re o tlaa buisana le dikompone tsotlhe tse di ba direlang tiro go netefatsa gore ba dira tiro ka botlalo.

Dr Kaguamba a re bakgweetsi ba dikoloi tsa puso le bone ga ba a tshwanela go tsaya dikoloi kwa mafelong ao ntle le tetla ya lephata la puso la Central Transport Organisation ka ke lone le filweng dithata tsa go kanoka gore a koloi e siame. Mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane Rre Elijah Basinyi le ene o ne a lela ka tlhaelo ya dipilisi tsa  kgotlholo e tona kwa kokelwaneng ya Moletemane.

Mokhanselara wa Tobane/ Tshokwe Rre Dintlelo Mosweunyane o supile matshwenyego ka batho ba ba tlogelang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. 

Fa a araba, Dr Kaguamba a re pilisi e nngwefela e e neng e fiwa balwetse ba kgotlholo e tona e ne ya fela kwa Central Medical Stores kwa Gaborone mme go na le tse dingwe tse di fiwang batho ba bolwetse joo. A re ga se gore dipilisi tsa bolwetse jo ga dio gotlhelele  mo makaleng a botsogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratilegaone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 30 Aug 2015